Baeteledipele ba dikereke ba alogile
28 Nov 2021
Baeteledipele ba dikereke ba tshwanelwa ke go tlhabolola dikitso tsa bone gore di tsamaelane le dipaka tsa segompieno.
Se se builwe ke mothusa modulasetilo wa Lekgotla la dikereke tsa semoya (OAIC), Bishop Robert Maluke kwa moletlong wa kaloso ya baruti o neng o tshwaretswe kwa Selebi Phikwe ka Labotlhano.
Bishop Maluke o tlhalositse fa dinako tse di neng boikarabelo jwa moruti e neng ele go rera lefoko la modimo fela, di setse di siilwe ke nako a supa fa mo nakong ya gompieno moruti a lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi di tshwana le tsa tshidilo maikutlo tse di tlhokang dikitso tse di lebaneng.
A re go bona sekole sa Azusa se alosa baithuti ba dithuto tsa boruti ba le masome mane le bone ke selo se se nametsang ka gore go tla thusa go lwantshana le kgwetlho ya maikutlo a sa iketlang ntateng ya segajaja sa COVID-19 se se amileng maikutlo a batho ka bontsi.
O tlhalositse fa batho ka bontsi ba gateletswe ke maikutlo a a sa iketlang mme ba tlhoka go sidilwa ka nako tsotlhe go itsa ditla morago tse di sa nnang sentle.
Mookamela sekole sa Azusa, Reverend Wame Mothibi o ne supa fa sekole seo se sala se kwadisitswe semmuso ka ngwaga wa 1988 mme se tlhamilwe ke rre wa gagwe, Rev Dr Khumo Jeremia Mothibi ka maikaelelo a go tlhabolola boeteledipele ja dikereke.
A re keletso ke gore go seka ga nna le pharologanyo magareng ga dikereke tsa sekgoa le tsa semowa, a gatelela ka gore dikereke di tshwanetse go kopana le go bereka mmogo.
Rev Mothibi o supile fa puso le yone e tshwennngwa ke go tlhoka go utwala ga lentswe la dikereke mo dikgannyeng tse di amang setshaba mme a rotloetsa ba ba santseng ba saletse kwa morago go iketleetsa.
Fa a tswa la gagwe kgosi wa kgotla ya Kagiso mo Selebi Phikwe, kgosi Molosiwa Molosiwa o rotloeditse dialogane go dirisa kitso e ba e anyileng go tlhabolola dikereke tsa bone.
O tlhalositse fa go aloga mo dithutong tsa boruti go tla ka boikarabelo jo dialogane ba tshwanetseng go bo supa mo setshabeng se ba se eteletseng pele.
A re ba lebanwe ke tiro e ntsi ya go tshwaraganya setshaba mo nakong ya gompieno e lefatshe le tobekantsweng ke dikgang tse di farologaneng bogolo jang botlhoka tsebe jwa banana le go thubega ga malwapa. O supile fa se, se ka kgonagala ka tshwaragano ya dikereke, makalana a a ikemetseng le puso go lwantsha dikgang tsa go nna jalo gore Batswana ba tswelele ka go akola kagiso le thitibalo ya lefatshe leno.
A re se se raya gore dikereke di eme ka dinao go tsenya letsogo mo go ageng bana bogolo jang ka fa semowen. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selibe Phikwe
Event : Moletlong wa kaloso ya baruti
Date : 28 Nov 2021