Banni ba Letlhakeng ba lela ka ditsha
28 Nov 2021
Batsadi ba motse wa Letlhakeng ba ngongorega gore bana ba bone ga ba abelwe ditsha.
Fa a amogela baeng kwa phuthegong ya kgotla e e neng e itebagantse thata le kabo ditsha, mothusa kgosi, Kgosi Tumelo Puleng o ne a supa fa batsadi ba tshwenngwa ke gore bana ba tletse mo malwapeng a batsadi, ka ba sena ditsha. Kgosi o ne a kopa morafe go tsena diphuthego tsa lekgotla la kabo ditsha gore ba utlwe ka diphetogo tse di dirilweng mo kabong ya ditsha.
Mogolwane go tswa kwa lekgotleng la kabo ditsha, Mme Segofalang Kelebang, o ne a tlhalosa fa ba tsile go rerisa morafe ka tiego ya go aba ditsha, ka go na le dingwaga go sa abiwe ditsha kwa motseng wa Letlhakeng.
Mme Kelebang o boletse fa go na le batho ba le 4125 ba ba emetseng go abelwa ditsha, mme a re ba ne ba solofetse go baa batho ba le 1591 mo bogaufing. A re jaanong go supagala fa batho bangwe ba ipeile mo lefatsheng leo, mme se o se tlaa dira madiadia.
Mogolwane yo mongwe wa lekgotla la kabo ditsha la Letlhakeng, Rre Otsile Banyatsi o ne a bolela fa go dirilwe mealo kwa metseng e le lesome, go balelwa le Letlhakeng. Rre Banyatsi a re motho o fiwa tshimo ya diekere di le lesome, mme go solofelwa gore a dire dilo tsotlhe mo go yone, di akaretsa go aga, go rua, le go epa sediba.
O ntshitse matshwenyego a gore bangwe fa ba sena go bewa masimo, ba sala ba ikokeletsa, ba sa sale tsamaiso morago.
Rre Banyatsio supile matshwenyego ka batho ba ba rekisang lefatshe la bonno le masimo, a bolela fa ditsha di sa tshwanelwa go rekisiwa, mme go ka rekisiwa ditlhabololo tse di mo go tsone. O ne a kopa batsadi go bua le bana ba bone ka botlhokwa jwa go nna le lefatshe.
O tlhalositse fa ba lwa ka tsotlhe go baa batho ba ba iponetseng diphatlha tsa masimo, a supa fa masimo a sale a bewa labofelo ka 2017. Rre Banyatsi o tlhalositse gore Motswana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go bewa setsha gope fela kwa a go batlang, a supa fa motho a bewa setsha se le sengwefela sa legae le sa toropo. O kopile ba ba nang le ditsha tsa boswa le tse di beilweng ke ba bogosi, go di kwadisa semolao, a bo a ba kopa go bolelela dikgosi boammaaruri.
Fa ba akgela banni ba ngongoregela palo e e boutsana ya batho ba ba tseneng phuthego, mme mokhanselara wa pele, Rre Rahim Batshwaregi a kopa ba kabo ditsha go laletsa diphuthego tsa bone ka segoagoe gore batho ba di tsene ka bontsi, ka di le botlhokwa.
Rre Kefiwamotse Gaothepye o ne a ngongorega ka Batswana ba ba tswang kwa ntle ga Letlhakeng ba ba bewang ditsha, ba bo ba sa di tlhabolole, a re kwa bofelong, bana ba bone ba sala ba tlhoka ditsha.
Fa a ba araba, Rre Banyatsi o ne a supa fa Motswana mongwe le mongwe a bewa setsha kwa a batlang teng, a bo a supa fa go sa tlhole go bewa batho ka dikgotla tsa bone. O boletse gape gore fa motho a ne a kopile setsha kwa gagabo, a bo a nna lebaka a sa bewe, mme a bo a kopa kwa motseng o sele, a bo a bewa, mme ere morago a bo a bewa kwa gagabo, o ka busa setsha se a se beilweng fa a ise a se tlhabolole.
O kopile gore fa ba bona bangwe ba jela bana boswa jwa ditsha, ba itsise ba kabo ditsha ka mokwalo, gore ba thuse bana . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 28 Nov 2021