Breaking News

Thuto ke thebe-Rakgare

28 Nov 2021

Tona wa Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare are thuto ke selo se motho a ka se dirisang go fetola lefatshe.

O buile se ka Labone kwa kgotleng ya Ledumadumane mo Mogoditsahane fa a aba ntlwana ya borutelo (porta carbin) go tswa kwa komponeng ya Hyper Choice.

Tona o ne a kgola ba Hyper Choice ka maitlamo a bone go aba ntlwana, a supa fa se se ka fetola matshelo a bana gore le bone ba kgone go tsoga ba aga lefatshe. O tlhalositse fa ntlwana e, e tla a dirisiwa mo dithutong tsa bana ba ba bannye pele ga ba ya go simolola mophato wa ntlha.

Rre Rakagre o lebogetse mpho e, a supa fa e tsile ka nako ee maleba, ka gore bana ba ne ba tsamaya sekgele se seleele go latela dikolo tse di kwa ntle ga motse. O kopile banni go somarela le go tsenya mpho eo mo tirisong ka go tsisa bana ba bone.

Tona o ne a tswelela ka go kopa dikompone tse dingwe go tsaa kgato mo go thuseng ka mananeo a a farologanyeng fela jaaka ba Hyper Choice.  

Fa a tswa la gagwe moemedi wa komponi ya Hyper choice, Rre Fortune Nyenye o supile fa maitlamo a bone a go aba mpho eo e ne ele go atolosa lenaneo la ga tautona la go tlhabolola maitlamo a puso.

Rre Nyenye o tlhalositse fa ntlwana e lopile madi aa kanang ka dikete di le lekgolo le masome a marataro a supa fa e phuthologile thata go ka tsenya palo ya bana ee bonalang.

A re ba dirile se ka ba lemogile botlhokwa jwa thuto go tswa ko moding le gone go aga bana gore le bone ba kgone go tsoga ba fetola lefatshe. Kgosi James Sethebe wa Ledumadumane o lebogile ba Hyper Choice go bo ba tlhopile motse wa  gagwe mo go e mengwe a supa fa a le motlotlo ka mpho ya bone. 

O supile fa mpho eo e tla a sologela morafe molemo ka go ntse go sena fa bana ba rutelwang teng.

Kgosi o tsweletse ka go kopa mopalamente go tokafatsa tsela le ditlhabololo tse dingwe tsa motse bogolo jang  tse di amang thuto le botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Gaborone

Event : Kabo ntlwana ya borutelo

Date : 28 Nov 2021