Breaking News

Telekelo o tsereganya ntwa ya bogosi

28 Nov 2021

Mothusa Kgosi wa Bangwaketse, Kgosi Kebapetse Telekelo o kopile ba bogosi jwa motse wa Phitshane go emisa go tseela kgang ya bogosi joo ditshwetso tse di seng maleba.

Se setla morago ga gore ba bogosi ba palelwe ke go tsaya tshwetso go tlhoma yo o tlhatlhamang  kgosi  Pekenene Sekwenyane, yo o  tlogetseng tiro ka bogodi.

Kgosi Telekelo o supile fa Kgosi Sekwenyane a dirile tiro e ntle ya go itlogedisa bogosi, selo se a reng se tshwanetse go opelwa diatla. O supile fa bogosi jwa Phitshane e le jwa boswa, mme go tlhabisa ditlhong gore beng ba jone ba bo ba palelwa ke go itse gore moja boswa ke mang.

Kgosi Telekelo a re one a roma Kgosi ya motse wa Sedibeng gore e mmiletse ba losika lwa bogosi la Phitshane mabapi le go tlogela tiro ga ga Kgosi Sekwenyane, tota kgang ele gore ba rerisane gore setilo seo se neelwa mang. A re go lebega Kgosi Seisang a ne amo utlwa ka tsa ga morakile mme seo sa tlisa ketsa-e -tsego mogo boora Sekwenyane ka jaana a ne a ba reile are puso e batla go koba Kgosi Pekenene Sekwenyane

A re ka fa tshwanelong, go ne go tshwanetse ga ntshiwa leina la motho a le mongwe fela gona le gore go ntshiwe maina a le mabedi. O supile fa seo e le go losa bana boora Sekwenyane le gone go kgaoganya morafe.

Fa batswa la bone, lekgamu le le neng le le kgatlhanong le gore Kgosi Sekwenyane a neele ngwana wa gagwe setilo, le ne le supa ha ele motho yoo ntseng a iphitisa dino e bile a gogagoga serodumo sa leina la bone mo seretseng. Ba supile fa ba dumela gore monnawe Kgosi Sekwenyane e bong Ngwako, e le ene a tshwanetsweng ke setilo, ba tlatsa ka gore go maleba ka jaana mongwe le mongwe a aja boswa jwa ga rraagwe. Fa mo letlhakoreng le lengwe, bone ba supile gore ngwana wa ga Kgosi Pekenene Sekwenyane ke ene moja boswa, mme e bile go tlaa bo go se maleba gore a otlhaelwe melato ya ga Rre rraagwe.

E ne yare morago ga ngangisano morafe wa nna le nako ya go supa fa bone ba eletsa gore ngwana wa gagwe e bong Odirile Sekwenyane  a neelwe setilo. Mongwe wa dibui, Rre Motheo Motshabi o supile fa ba swabile nko go feta molomo mabapi le dikgogakgogano tseo, a supa fa dikgosi tsa bone di sa rekegele maikutlo a bone.

A re go lebega go setse go kile ga kwalwa dikwalo di isiwa kwa Kanye, mme bone e le banni ba Phitshane ba sa itse sepe. Mongwe monni o ne a tlatsa ka gore fa ba ka palelwa ke go ithuna dinta ba le mo nosi, morafe o tlaa felela o tsaya tshwetso ya gore jaanong ba itlhophele o bone ba mmatlang.

Ba weditse ka go bolelela Kgosi Telekelo gore leina la kgosi ya bone le tlhophilwe ke ngwao ka jalo Kgosi Sekwenyane a dirile tiro e e maleba go supa fa a tlaa jewa boswa ke ngwana wa gagwe e bong Odirile.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Phitshane

Event : Bokopano

Date : 28 Nov 2021