Kgokgontsho ya bong e golela pele
28 Nov 2021
E re ntswa twantsho kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e emetswe ka dinao ke puso, makgotla a a ikemetseng le sechaba ka kakaretso, dipalo tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go gola.
Mogolwane wa lephata la bong mo Serowe, Mme Peoyame Tladi o tlhalositse gore dipalo di supa fa bomme e le bone ba begang ditatofatso tsa kgokgontsho kwa mapodiseng le bo mma boipelego.
A re borre gantsi ba swa senku ka ba tshaba go bega dikgang tsa kgokgontsho, mme a kopa borre go bega kgkgontsho kwa go ba ba lebaneg.
Mme Tladi o buile jalo ka letsatsi la go simolodisa malatsi a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana kwa Malatswai bosheng.
Tiro eo, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo sa “Rekopana go fedisa kgokgontsho ya bong jaanong jaana.’’ Mme Tladi
Mme Tladi o tlhalositse fa gona le mefuta ele mene ya kgokgontsho ya bong e e lemosegileng, jaaka ya mmele, go dirisa dikgoka go betsa yo mongwe mo go feletsang yo mongwe a tlhokafetse, kgotsa a nna le bogole kgotsa a latlhegelwa ke tlhaloganyo.
Kgokgontsho ya bobedi o tlhalositse fa e le ya tlhakanelo dikobo, e mo go yone bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bofera bobedi ba tlhakanelang dikobo le bagolo. Go na le go itseela dikobo ka dikgoka, le mo ba masika ba robalang le ba bangwe jaaka bo malome ba robalana le ditlogolo, kana batsadi ba robala masea.
A re bangwe ba pateletsa bakapelo ba bone go robala le bone, le mororo ba sa e ikutlwe sentle, mme seo ke kgokgontsho. A re batsadi bangwe ba rekisa bana ba bone ba basetsana ba batla go tlhokomelwa.
Fa a tlhalosa ya boraro o boletse fa ele ya itsholelo, e mo go yone malwapa a sa rerisaneng ka tiriso ya madi mo lwapeng, mme yo mongwe a itirisetse madi a le nosi mme go tsale kgokgontsho.
O boletse fa gona le kgokgontsho ya maikutlo, e gantsi e begwang ke bomme. A re go na le matshosetsi a polao mo teng. A re bana ba a kgerisiwa mo malwapeng, fa bangwe ba dirisa dikgoka go tseela ba bangwe dithoto tsa bone, ba tshephile gore batla ba itaya fa ba ka bula molomo.
Mme Tladi o boletse fa kgokgontsho e baka dintsho, bogole, go latlhegelwa ke tlhaloganyo, le go inyatsa mo setshabeng. Fa ba akgela, banni ba Malatswai ba boletse fa kgokgontsho ya bong e dirwa ke mehama yotlhe bomme le borre.
Ba kopile gore ba ba thubetsang le ba ba robalang le masea kgotsa basadibagolo ba otlhaiwe thata.
Borre bangwe ba boletse fa borre ba sa tsewe ka tekatekano ko makgotleng a ditsheko, ba bolela fa ba kgadimolwa thata ebile ba sa reediwe jaaka bomme.
Ba boletse gape gore fa ba begela mapodise fa ba kgokgontshiwa ke bomme, mapodise a ba tshega ba re ke dikopa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Malatswai
Event : Malatsi a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho
Date : 28 Nov 2021