Breaking News

A dikomiti tsa twantsho borukutlhi di tsosolosiwe

25 Nov 2021

Magosi a kgaolo-potlana ya Mahalapye a kopilwe go rotloetsa setshaba go tsosolosa le go tsweledisa ditiro tsa dikomiti tsa twantsho borukutlhi go thusa mapodisi.

Mookamela Mapodisi a District No. 16, Senior Superintendent Reuben Mphoeng o ntshitse kopo e kwa thuto-puisanyong e e neng e rulagantswe ke mapodisi bosheng go amogana methale e e farologanyeng ya twantsho borukutlhi le magosi.

Maikaelelo a thuto-puisanyo e, e ne gape e le go buisana le magosi ka botlhokwa, seabe sa bone le go amogana le bone methale e mesha ya go itepatepanya le borukutlhi jwa sesha.

Senior Superintendent Mphoeng a re mapodisi a ka kgona ntwa kgatlhanong le borukutlhi ka tshwaragano ya bone le setshaba gammogo le ba-na-le seabe ka go farologa.

“Dipalo tsa dikgang tsa borukutlhi di tsweletse ka go golela pele, mo go raya gore rotlhe re tsee boikarabelo re oketse lebelo la go itepatepanya le go golelela pele ga seemo se,” a tlatsa.

Thulaganyo ya gore baagisanyi ba tshwaraganele twantsho borukutlhi mo tikologong ya bone ka lenaneo la ntebele-ke go-lebele, a re ke selo se se botlhokwa ka go setse go supegile fa e thusa go fokotsa borukutlhi.

“Maikaelelo a rona re le ba sepodisi ke go lwantsha borukutlhi ka ditsela tsotlhe, mme re ka atlega fela fa mongwe le mongwe gammogo le ba-na-le seabe ka go farologana ba ka tsaya boikarabelo,” a tlatsa.

Fa a akgela, Kgosi Kerapetse Kalanke wa Tewane o rotloeditse gore mekgatlho ya Masupatsela le Bakaedi e tsosolosiwe ka e ne e thusa go ruta bana ka boikarabelo le go ba ntsha mo mekgwatheng.

Kgosi Desmond Keitseope wa kgotlana ya White City,  o akgotse go tlhongwa ga ofisi ya sepodisi e e itebagantseng le dikgang tsa kgokgontsho ya bong, a re ke maiteko a mantle mo go lwantsheng seemo se, ka se tshwenya.  

Kgosi Rabuwe Montwedi wa Madiba 14 ene o kopile gore ntswa go na le tlhaelo ya mapodisi, go dirwe ka natla gore go nne go nna le lepodisi le le lengwe le le ka dikologang  le patilwe ke maloko a Cluster Policing ka bogodu bo tsere phekelo e sele.

Mo malebong, Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Omphile Malemenyane o rotloeditse maloko a dikomiti tsa twantsho borukutlhi go itsane le batho ba tikologo ya bone.

“A re tseeng boikarabelo jwa gore re itsaneng sentle, gore re kgone go begela mapodisi ope fela yo o belaesegang mo tikologong ya rona, re tlogele mowa wa ‘ga di nkame’.

A re boeleng kwa dikomiting tsa rona tsa twantsho borukutlhi, re ye go di tsosolosa re bo re tsweledise le ditiro tsa tsone,” a tlatsa.

Superintendent Malemenyane a re dikgang tsa kgokgontsho ya bong, petelelo le go thujwa ga matlo di tsweletse ka go tshwenya.

Ka jalo, o kopile batho go tshwaya dilwana tsa bone gore ba kgone go di supa motlhofo fa mapodisi a sena go di gapa mo magodung. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : thuto-puisanyong

Date : 25 Nov 2021