Breaking News

Botlhoka-tsebe bo tshwenya bogogi jwa motse

25 Nov 2021

Baeteledipele le batsadi ba kgaolo ya Shoshong ga ba jesiwe diwelang ke botlhoka-tsebe jo bo dirwang ke banana ba kgaolo eo.

Matshwenyego a, a tla morago ga go lemoga fa banana ba kgaolo e, ba amega mo ditirong tsa borukutlhi le botlhoka-tsebe.

Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o buile o ne a ntsha matshwenyego ka kgang e ka Labobedi mo phuthegong  ya kgotla, a re bagolo ga ba tshele sentle ka jaana ba tshelela mo letshogong ba tshaba dirukutlhi tse.

Mopalamente o ne a supa gore dintwa tse di diragalang kwa dikoleng di ile magoletsa e bile bana ba lwa ka ditlhabani tse di borai.

O kopile batsadi go ruta bana maikarabelo ba santse ba le bannye gore ba gole ba itse pharologanyo fa gare ga molemo le bosula, a tlatsa ka go re batsadi ba bangwe ba kgona go lebelela ngwana a tlogela sekole mme go sena kgalemo epe.

Rre Lesaso o kopile batsadi gore ba kopanele bana go leka go fokotsa dikgang tsa borukutlhi le botlhoka-tsebe mo kgaolong.

O kopile setshaba go rapela Modimo gore go nne le kagiso mo lefatsheng.

Fa a amogela bogogi jwa metse ya kgaolo ya Shoshong, Kgosi Mosenyi Mosenyi wa Shoshong o ne a lebogela mopalamente go tsibogela seemo sa borukuthi se se golang mo kgaolong.

O supile gore banana ba ba mo dikoleng tse dikgolwane ba tlhokela barutabana botho, a supa fa bangwe ba kgona go ba lwantsha.

Moemedi go tswa kwa sepodising,  Rre Morris Kwena ene o supile gore batsadi ba bipa mpa ka mabele mme a supa gore seo se baka gore borukutlho bo kekele.

O rotloeditse setshaba go loma mapodisi tsebe fa ba bona sengwe se se sa siamang se diragala.

Rre Kwena o tlhalositse gore bana ba bannye ba dirisiwa botlhaswa mme batsadi ba swa ka lehunelo.

Rre Martin Mokgethi go tswa kwa lephateng la dikgolegelo kwa Mahalapye o supile gore dipalo tse ba amogelang magolegwa ka tsone di tsitsibanya mmele.

O tlhalositse fa e ne ya re bosheng ba amogela magolegwa a le lesome le borobabongwe ba tswa mo kgaolong ya Shoshong, mme bontsi e le bana ka e bile ba ne ba fetisediwa kwa kgolegelong ya bana kwa Moshupa.

Rre Mokgethi o kopile morafe le mekgatlho go ema ka dinao go lwantsha borukutlhi le kgokgontsho.

O kopile batsadi go bua le bana go ba bontsha bodiphatsa jwa go tlhoka go obamele molao.

O ne a tlatsa ka go kopa setshaba go amogela magolegwa fa ba gololwa, a supa gore ka nako ya fa ba le mo kgolegelong ba tsenelela lenaneo le le ba agang go nna batho ba ba siameng.

Rre Mokgethi o supile gore pele ga ba golola modira molato ba mo isa pele kwa go yo a neng a mo senyeditse gore a ikope maitshwarelo.

Moruti Tladi Lekwapa kwa Shoshong o kopile batsadi gore le fa ba sa tsene dikereke ba rotloetse bana go di tsena.

O ne a kopa baruti go ruta dithuto tse di amang kgolo ya bana le tse di ka ba amang jaaka borukutlhi.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o ne a lebogela batsadi le baeteledipele ba kgaolo ya Shoshong go kopana fa ba bona motse wa bone o tswa mo tseleng.

O kopile gore fa go buiwa ka dikgang tsa mohuta o, go lalediwe Modimo go thusa go rarabolola mathata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Nov 2021