Breaking News

Komiti e ipaakanyetsa ditlhopho

25 Nov 2021

Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho, Mme Pelonomi Kwaramba a re kopano ya komiti ya diphathi tsa sepolotiki, maphata a puso le mekgatlho la (Party Liaison Committee) e mosola ka maloko a tshwaraganela dikgang tse di amang ditlhopho ka go abelana megopolo ka fa ba ka tokafatsang ka teng dilo mo tsamaisong ya ditlhopho.
.
Mme Kwaramba o buile jalo kwa phuthegong ya komiti eo kwa Tutume ka Mosupologo.

A re maloko a komiti eo ke one fela a ka bonang gore ditlhopho di tsamaya sentle.

O tlhalosa fa ka bokopano joo ba tlaa kgona go tsisa mowa wa neelano le go rotloetsa puso ya batho ka batho ka go abelana megopolo.

O boletse fa ba le mo mosepeleng wa go baakanyetsa ditlhopho tsa poeletso tsa kgaolwana ya Nkange Bokone, e e neng ya sala e sena kemedi morago ga loso lwa mokhanselara monongwaga.

Mme Kwaramba a ditlhopho di tlhokana le matsetseleko, bonokopila le go direla dilo mo pontsheng, go tila di-tla morago tse di bakwang ke dikgang tsa ditlhopho.

A re seo se ka diragala fa ba ka dira ba le seopo sengwe, go sena ba ba gogelang ntlha epe.

O tlhalositse fa maina a ba ba eletsang go emela ditlhopho tsa Nkange Bokone a tlaa ntshiwa ka Labotlhano.

Mo go tse dingwe, Mme Kwaramba o boletse fa ba eme sentle ka kgang ya tsa itshireletso mabapi le go sala melawana ya corona morago.

A re ka letsatsi la ditlhopho, go tlaa bo go na le komiti ya botsogo, e e tlaa bong e lebeletse gore melawana ya botsogo e salwa morago, gape go tlaa bo go na le ba ba phepafatsang didirisiwa  kgapetsakgapetsa.

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang o boletse fa ba ofisi ya Omang ba tlaa bo ba thusa banni ba metse e e mo kgaolwaneng eo ka go kwadisa dikarata tsa Omang le go aba tse di dirilweng, fa ba ofisi ya ditlhopho ba tlaa bo ba ntsha meriti ya dikarata tsa ditlhopho ya ba dikarata tss bone di latlhegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : phuthego ya komiti

Date : 25 Nov 2021