Breaking News

Bodirelapuso bo tlhoka Tomagano

25 Nov 2021

Tirisanyo mmogo e e tsepameng fa gare ga badirelapuso le bogogi jwa metse e ka thusa gore mananeo a puso a aname merafe e bo e a itse motlhofo.

Kgang e e builwe ke molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe, Rre Bakuedi Masole mo phuthegong ya khansele-potlana ya Serowe e e simolotseng beke eno ka tiriso ya maranyane.

Molaodi Masole o boletse fa dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse, komiti ya badirelapuso le morafe ka kakaretso ba tshwanetse go bereka mmogo gore ditlhabologo mo metseng di seka tsa kgoreletsega kgotsa tsa salela kwa morago.

O boletse fa badirelapuso, bogolo jang ba ba mo dikgaolong, ba tshwanetse go nna bakaedi le go gakolola morafe o ba o leretseng mananeo a puso ba tsentse marapo dinameng.

Rre Masole  a re ofisi ya gagwe e lekile go tsamaya le metsana mo dikgotleng ba rera ka tirisanyo mmogo fa gare ga bodiredi le morafe gore ditlhabololo di tswelele.

A re melawana le mananeo di tshwanetse tsa rerwa ke bodiredi ka kutlwisiso e e kwa godimo gore ba itse ka mananeo a a ka ba ntshang mo lehumeng le go itlhamela mebereko kwa metseng ya magae.

Molaodi o ne a araba dingwe tsa dingongora tse di neng di ntshiwa ke makhanselara mangwe a kgaolo-potlana ba bolela fa go na le bothata golo gongwe fa gare ga bogogi jwa metse la bodiredi, seemo se se kgoreletsang ditlhabololo mo dikgaolong, bogolo tse di kwa metseng e e kgakala le ditlhabololo.

Mo go tse dingwe, Rre Masole o boleletse makhanslera fa lenaneo la puso la go thusiwa go itemela merogo mo digotlong le ne la seka la atlega jaaka go ne go solofetswe ka batho ba ne ba seka ba ititaya ka thupana go lema merogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : phuthego ya khansele-potlana

Date : 25 Nov 2021