Breaking News

Ditlhopho di tlaa boelela

25 Nov 2021

Batlhophi ba kgaolwana ya Boseja Borwa kwa Mochudi Botlhaba, ba ipaakanyetsa ditlhopho tsa poeletso tse di tlaa tshwarwang Sedimonthole a le lesome le boferabobedi.

Ditlhopho tsa poeletso mo kgaolong ya Boseja Borwa, di tla morago ga go tlhokafala ga ga Mokhanselara Letlhogonolo Kwapa ngogola.

Ka jalo mookamedi wa ofisi ya ditlhopho mo kgaolong ya Mochudi, Mme Gontse Tau o kopile batlhophi go ya go tsaya dikarata tsa bone tsa botlhophi mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe mo kgotleng ya Mmapole ka Laboraro.

Mme Tau o boletse fa banni ba kgaolo eo, ba ba neng ba ikwadiseditse ditlhopho tsa 2019, e le bone fela ba letlelesegang go tlhopha, a tlatsa ka go re le go hudusa matlhophelo ga go letlelelwe.

A re fa motho a ne a ikwadiseditse kwa kgaolong e sele, ga a letlelelwe go hudugela mo kgaolong e nngwe, a tlatsa ka go ba gakolola go netefatsa fa ba na le dikarata tsa Omang tse di mo tirisong.

Mme Tau o ne gape a gakolola bontlhopheng go ikwadisa ka Labotlhano, tla le basupi ba fera bongwe, botlhe ba na le boOmang ba ba mo tirisong.

Bo ntlhopheng ba boleletswe gape go tla ka makwalo go tswa mo mekgatlhong ya sepolotiki go rurifatsa fa ba letleletswe go emela ditlhopho.

Mme Tau o ne a bolela fa kgaolo e na le mafelo a matlhophelo a le matlhano, mme ditalama tsotlhe di tlaa balelwa kwa sekoleng se segolwane sa Radikolo.

O akgoletse batho ba kgaolo eo go bo ba tlhophile ka dipalo tse di nametsang ka 2019, mme a kopa gore ba tswelele fela jalo.

Thulaganyo ya poeletso ditlhopho e ne ya kgorelediwa ke bolwetse jwa COVID-19, jo bo neng jwa pateletsa Tautona go tlhoma seemo sa tshoganyetso sa lobaka lwa dikgwedi di le lesome le boferabobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOCHUDI

Event : Ditlhopho tsa poeletso

Date : 25 Nov 2021