Basimanyana ba Afrika Borwa ba tshwerwe
24 Nov 2021
Mapodisi a Werda a tshegeditse basimanyana ba le babedi ba Afrika Borwa go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le go tlola terata ya molelwane ka nako e dikgoro di sa ntseng di tswetswe, gaufi le Bray.
Mapodisi a belaela fa bobedi joo, bo ne bo na le maikaelelo a go tla go utswa dihutshane mo Botswana.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Werda, Inspector Molefi Itaolong, o ne a tlhalosa fa banni ba Bray ba ne ba ikuela mo mapodising morago ga go tshegetsa basimanyana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro le lesome le bosupa, ba ba fitlhetsweng gaufi le terata ya molelwane mo lefatsheng leno.
O boletse fa morago ga boikuelo joo, kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, mapodisi a ne a ragogela kwa motseng oo, mme ba fitlhela bangwe banni ba setse ba itseetse molao mo diatleng ka go itaya basimanyana bao, mme ba feta ba ba isa kwa kokelwaneng go ya go alafelwa dikgobalo tse di potlana mme morago ba gololwa.
Inspector Itaolong o ne a tlhalosa fa basimanyana bao ba ne ba bolela fa ba romilwe ke monna mongwe wa moAfrika Borwa go tla go utswa dipodi mo Botswana.
O boletse fa mapodisi a Werda a ne a tshwaragana le mapodisi a Afrika Borwa go batla monna yoo, mme a feta a itatola gore a bo a nne mosetlha.
Inspector Itaolong o ne a supa fa mo nakong ya gompieno basimanyana bao ba rometswe kwa kgolegelong ya basimane kwa Moshupa, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.
Inspector Itaolong ne a tlhalosa fa mapodisi a Werda a tshwenngwa ke dikgang tsa batho ba ba tlolang terata ya molelwane ka bokukuntshwane le go utswa leruo, bogolo jang dihutshane, ba bo ba di tlodisetsa kwa Afrika Borwa.
O boletse fa bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke terata ya molelwane e e setseng e onetse, mme seo se baka gore magodu a ipagololele mogodu ka loruo lwa batho.
A re selo seo ke poela morago mo baruing ba Kgalagadi ka ba ikaegile ka loruo go itshetsa le go tokofatsa matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : DItlhotlhomiso
Date : 24 Nov 2021