Breaking News

Kgosi Norman Bakawena o bolokwa ka Matlhatso

24 Nov 2021

Mothusa kgosi ya Bakwena wa pele, Kgosi Norman Bakwena o tlaa fitlhwa ka matlhatso kwa Molepolole.

Kgosi Bakwena o tlhokafetse kgwedi eno e le lesome le borobabongwe kwa kokelong ya Princess Marina mo Gaborone a le dingwaga di masome a supa le bosupa morago ga go lwala ka lobaka.

Kgosi Kgari III wa Bakwena o tlhalositse fa Kgosi Bakwena a tsene mo kgotleng ya Bakwena go direla morafe ka 1997 a simolola mo maemong a kgosana.

O ne a tswelela ka go tlhatloga le maemo a le mo kgotleng kgolo ya Bakwena go fitlhelela ka 2011 fa Kgosi Kgari III a mo tlhoma go nna mothusi wa gagwe, morago ga go tlhokafala ga mothusi wa nako eo, Kgosi Oletile Makgasane.

Kgosi Kgari  III o supile fa moswi  a ne a patelesega go fologa setilo ka 2018 ka therisanyo le kgosi kgolo a  tlangwa ke mabaka a botsogo.

Mo tekodisong ya seemo sa botsogo jwa ga Kgosi Bakwena, monnawe, Rre Sonny Bakwena o tlhalositse gore morago ga go tlogela tiro, seemo sa botsogo se ne se sa iketla, a kaya fa bolwetse bo ne jwa tswelela ka go gola, a tsena le go tswa mo dikokelong a sa tokafale .

A re ntswa ba ne ba tshela le Kgosi Bakwena ka seemo sa botsogo jo ba neng ba bo tlhaloganya ka dinako tsotlhe, seemo sa bolwetse se ne sa biha ka Labone wa beke e e fetileng, ka jalo a ragosediwa kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole pele kwa a fetileng a  fudusetswa kwa Princess Marina mme a tlhokafala letsatsi le le latelang.

Mogolowe Kgosi Bakwena, Mme Mpolokang Mohurutshe a re o gakologelwa kgaitsadie ka mowa wa Lorato, go dira le batho ka neelano e bile a le dinyao.

O ne a mo tlhalosa jaaka motho yo o neng a le bofefo go isa letsogo ka dinako tsa bonyana jwa gagwe fa motho a ne a mo kgopisa, bogale jo a lemogileng bo ne jwa rejwa ke go tsena mo tirong ya sepodisi.

Kgosi Bakwena o simolotse ka go dira e le lepodisi mo mafelong a a farologanyeng mme a tlogela tiro ka 1997 e le Sub Inspector go tla go direla morafe mo tirong ya bogosi.

Kgosi Bakwena yo o tlholegang kwa kgotleng ya Mokgalo kwa Molepolole, o tlogela mosadi, bana ba le batlhano, basimane ba le bararo le basetsana ba le babedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : tekodiso ya seemo sa botsogo

Date : 24 Nov 2021