Batho ba Mahalapye lebogelwa bopelotelele
24 Nov 2021
Bagwebi le morafe wa Mahalapye ba lebogetswe bopelotelele mo nakong e jaaka go baakanngwa lefelo la maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa motseng oo.
Bothata jo bo neng bo le teng e ne e le go tshabelelwa ke go ema ga metsi mo lefelong leo ka nako ya dipula, mme tharabololo ya nna go tsholetsa bodilo.
Fa a lekodisa ba-na-le seabe ka Labobedi, modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o kaile fa tiro e ne ya kgoreletsa ba ba gwebelang kwa lefelong leo ka ba ne ba tshwanelwa ke go suta fa ba neng ba direla teng.
A re e ne ya re pele ga tiro e simologa, ba buisana le baemedi ba mekgatlho ya ba ba direlang kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba, go ba itsese ka diphetogo tse di tlaa nnang teng le gore ba ba isetse molaetsa kwa bagwebing.
Rre Merementsi a re bagwebi ba nnile pelotelele mo lobakeng lwa go baakanngwa lefelo la mapalamelo, mme go maleba go ba leboga ka tiro e ba e dirang e lebile go fela.
O tlhalositse fa ba oketsa mekgatsha go tsamaisa metsi ka nako ya fa dipula di na, a supa gape gore go tlaa nna le lebone le letona le le tlaa bonesang lefelo leo.
A re lefelo leo le tlaa agelelwa, bogolo jang ka fa ntlheng ya motse ka jaana dirukutlhi di phamolela batho dithoto di bo di siela mo motseng mme go nne thata go di tshwara.
O supile fa ba sa kgoreletse ope go gweba mo lefelong leo, mme a supa fa bagwebi ba tshwanetse go dira se se tshwanetseng jaaka go nna le diteseletso tsa dikgwebo.
Mokwaledi wa khansele-potlana ya Mahalapye, Mme Gomolemo Moepeng le ene o lebogetse boitshoko jwa bagwebi le badirisi ba lefelo le dipaakanyo tsa lone di sa leng di simologa ka Motsheganong.
A re maikaelelo ke gore le bo le setse le dirisiwa pele ga malatsi a boitapoloso a botsalo jwa Morena.
O kopile ditanka tsa matlakala mo go ba ba ka kgonang.
Moitseanape wa ditsela kwa khanseleng-potlana ya Mahalapye, Rre Juluka Zambezi o lebogetse tirisanyo mmogo ya banni le bagwebi ba Mahalapye ka nako ya fa go na le kgoreletsego ya ditsela.
O supile fa ba bereka le ba lephata la ditsela, dipagamo le ipabalelo tseleng go tsenya matshwao a tsela fa go tshwanetseng teng mo lefelong leo.
Molomaganya maano a tsa lefatshe le mealo kwa khanseleng- potlana ya Mahalapye, Rre Benjamin Bogopa a re lefelo le, ke gone kwa itsholelo ya motse e leng teng, a supa gore fa le amega, itsholelo ya motse e a amaega.
A re maikaleleo ke go busetsa dikgwebo tsotlhe tse di neng di le kwa lefelong leo.
Rre Bogopa o tlhalositse fa go tlaa seke go letlelelwe meriti ya sennela ruri, a supa fa bagwebi ba tlaa tsenya meriti ya bone phakela fa ba theogela, e re ba tshaisa ba tsamaye ka yone.
Moemedi wa Mahalapye Taxi Association, Rre Tshiamo Ditsheko o lebogetse dipaakanyo tse di dirwang a bo a kopa gore ba nne ba akaradiwa mo ditshwetso tse di tsewang ka lefelo leo ka go le gantsi go babalelwa bone go feta batho botlhe.
Mokhanselara wa Mahalapye Legare, Rre Joseph Tjienda ene o ne a akgela ka go re khansele e dirile tiro e tona ka ya go tswalela dirukutlhi kwa ntle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego
Date : 24 Nov 2021