Breaking News

Mapodisi a Mmathubudukwane a tlhotlhomisa polao

24 Nov 2021

Mapodisi a Mmathubudukwane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe a tlhokafetseng a sena go tlhajwa ke yo mongwe ka sengwe se se bogale mo mpeng ka Matlhatso.

Mo potsolotsong le BOPA ka Mosupologo, Mookamela mapodisi a Mmathubudukwane, Superintendent Matthews Gatang a re ditlhotlhomiso di supa fa mmelaelwa yo o  dingwaga di masome mabedi le bongwe a ne a lwa le mongwe  mme ya re moswi a leka go tshereganya, a tshelegelwa ke madi a kgofa.

O tlhalositse fa tiragalo e e diragetse ka nako ya bongwe masa a Matlhatso.

A re tiragalo e e diragetse go itisitswe mo lwapeng.

Moswi le mmelaelwa ba tswa kwa kgotleng ya Motlhabane kwa Malolwane.

Mmelaelwa o tshegeditswe ke ba sepodisi mme o tlaa itshupa fa pele ga lekgotla la ditsheko fa moswi a le kwa setsidifatsing.

O kopile setshaba go ikgapha mo dintweng, a rotloetsa gore fa go na le tlhoka-kutlwisisanyo e nnelwe fa fatshe e rarabololwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MALOLWANE

Event : Potsolotso

Date : 24 Nov 2021