Breaking News

Ntwa kgolo ke ya molomo borra - mogwebi

24 Nov 2021

Borre ba gakolotswe gore ba seka ba salela morago mo go itlhatlhobeleng malwetse ka go dira jalo go holodisa maiteko a ba botsogo a go lwantsha malwetse.  

Se se tla morago ga gore go lemotshege fa palo ya masome a mabedi le bosupa mo lekgolong e itlhatlhobetse mogare wa HIV fa ba le masome a mane le borataro mo lekgolong ba kgonne go tsaya mokento wa COVID-19 kwa kokelwaneng ya Lesoma.

Dipalo tse di ne di bolelwa  ke mooki wa kokelwana ya Lesoma, Rre Kabelo Maphane kwa letsatsing la mafatshefatshe la borre kwa Chobe ka Mosupologo. A re borre ba goga dinao go itlhatlhobela malwetse mme go itlhatlhobela malwetse ka nako go ka thusa gore motho a bone thuso le go hema go gola ga bolwetse.

Rre Vincent Mufwanzala, yo e leng mogwebi mo Chobe ene o ne a rotloetsa borre go neela bomme lorato le tlhokomelo e ba e tlhokang, selo se le bone ba ka se solofelang go tswa mo mothong wa mme.

Rre Mufwanzala a re letsatsi le ga le reye borre fela mme le raya botlhe ba ba lebaganeng le kgodiso ya ngwana wa mosimane.

A re borre ba lebanywe ke dikgwetlho tse dintsi ka ba lebagane le go tsisa tse di tlhokafalang mo lwapeng gammogo le go sireletsa malwapa.

“Ngwaga ono wa 2021 ke ngwaga wa bobedi lefatshe le mekamekane le namane e tona ya go lwantsha mogare wa COVID-19, o o sa bolayang itsholelo ya lefatshe fela le ditirelo tsa botsogo, mme o tsisitse kutlobotlhoko le selelo se se tseneletseng mo malwapeng le mo setshabeng,’’ ga bua Rre Mufwanzala.

A re melawana e e neng e tlhomilwe ya seemo sa tshoganetso e rile fa e tlhongwa ga bo go tlhagoga mmaba yo mongwe wa kgokgontsho ya bong.

A re kgokgontsho kwa malwapeng e ne ya tsaya phekelo e sele mme e bile e nna diphatsa jaaka kutlwano ya kwa lwapeng e ne e sa tlhole e le yone.

Rre Mufwanzala a re moono wa ngwaga ono e leng; Go Rotloetsa Botsalano jwa Motia Gareng ga Borre le Bomme mo Nakong tsa COVID-19 le go Ya Pele, o leka go supa ka fa rre a ka nna sekgantshwane le go tsibogela tsotlhe tse di amang motho wa rre.

O ne a kgothatsa borre go itse gore ntwa kgolo ke ya molomo mme e bile ba emise go swela mo sekgapheng fa ba na le mathata a a tshwanetseng go buiwa.  

O ne a rotloetsa borre go tsaya maikarabelo mo go ageng  malwapa le go ruta ditsamaiso tse di tlaa dirang gore bakapelo le bana ba bone ba amogelesege mo setshabeng ba sa boife letshwenyo lepe.

Mookamela mapodisi a Kazungula, Superintendent Phetogo Phillimon a re mapodisi a itemogela dikgang tsa kgokgontsho ya bong mme e bile di dirwa ke borre.

Supt. Phillimon o kopile batsadi go emisa go dirisa bana go lwa dintwa tsa bone.

A re ngwana wa mosetsana o tshwanetse gore a sirelediwe.

A re mapodisi a na le lekalana la Gender Based Violence le le tsibogelang dikgang tsa kgokgontsho ka bofefo.

Morafe o ne wa rutwa ka botsalano jwa motia gareng ga bomme le borre, gammogo le go tsaya karolo mo go godiseng ngwana wa mosetsana.

Letsatsi la mafatshefatshe la borre le tshwarwa ngwaga le ngwaga Ngwanatsele e le lesome le boferabongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : KASANE

Event : letsatsi la mafatshefatshe la borre

Date : 24 Nov 2021