Breaking News

Morafe wa Rasesa o akgola Mma Botswana Mme Molefe

23 Nov 2021

Boeteledipele jwa Rasesa le Mochudi bo akgotse Mme Palesa Molefe go bo a gapile korone ya Miss Botswana ya mono ngwaga.

Mme Molefe o ne a etetse kwa Rasesa bosheng, kwa a tlholegang teng mme a amogelwa ke bogogi jwa motse, bana ba sekole se sebotlana sa Rasesa le morafe.

Fa a bua kwa kgotleng ya Rasesa kwa Mme Molefe a neng a ile go dumedisa bogogi jwa motse teng, modulasetilo wa khansele ya Kgatleng yo gape e leng mokhanselara wa Rasesa, Rre Daniel Molokwe o mo tlotlomaditse a bo a mo rotloetsa go tshwara ka thata.

E ne ya re morago ga bokopano joo, Mme Molefe a etela kwa Kgabo Mall, kwa a a neng a rulaganyeditswe ke Lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao.

O ne a amogelwa ke mothusa kgosikgolo ya Bakgatla, Kgosi Bana Sekai yo o neng a mo rotloetsa go tswelela e le sekgantshwane se se maitseo le botho e bile a na le lorato mo bathong.

Kgosi Sekai o supile boitumelo, a re o ikgantsha ka Mme Molefe e bile o mo eleletsa masego le katlego gore a gape kgaisanyo ya Miss World.

A re go ne go se bonolo gore a fenye mme ke ka thato ya Modimo go bo a kgonne.

Fa a tswa la gagwe, Mme Molefe o lebogetse kemo-nokeng ya setshaba a bo a rotloetsa ba ba tlang kwa morago go itshokela dikgwetlho le go nna le lorato le boitshoko fa ba batla go atlega.

O solofeditse go dira ka gotlhe mo a ka go kgonang go fenya kgaisanyo ya Miss World.

Mme Molefe o emeletse Labotlhano go ya kwa lefatshing la Puerto Rico kwa dikgaisanyo tsa Miss World di tlaa tshwarelwang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Nov 2021