Breaking News

Banana ba ngongoregela ka letlhoko la fatshe

23 Nov 2021

Banana bangwe ba kgaolo ya Lerala/Maunatlala, ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF), ba lela ka letlhoko la lefatshe le ba ka direlang dikgwebo mo go lone.

Banana ba ba ntshitse selelo seo ka Labotlhano le Matlhatso fa tona wa lephata la Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare a ba lekotse kwa metseng eo, go bona gore dikgwebo tsa bone di tsweletse jang.

Ba ne gape ba supa fa gwetlho e nngwe ya bone e le letlhoko la mmaraka, ba tlhalosa fa COVID-19 le yone e amile dikgwebo tsa bone thata.

Mongwe wa banana bao, Mme Mpho Sekgwama wa Lerala, yo o thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund ka 2019, go dira kgwebo ya dijo, o supile fa e tsweletse sentle, e bile a kgonne go latlhela sengwenyana go fokotsa sekoloto.

Mme Sekgwama a re ba bereka ba le batlhano, a tlhalosa fa COVID-19 e ne e amile kgwebo, mme jaanong e tsholetsega.

Mme Gaamangwe Keletso wa Goo Sekgweng, wa kgwebo ya dihutshane, mme a thusitswe ka 2018, a re o kgonne go reka tshimo le koloi e e di pakelang.

Mme Keletso a re maikaelelo ke go ruela mo tshimong, le go lemela leruo dijo, a tlhalosa fa a sa ntse a na le kgwetlho ya metsi ka a a reka.

Rre Lefoko Setalanyane wa kgwebo ya ditena kwa Lecheng, a re kgwebo e tsweletse sentle, e bile o setse a kgonne go reka dikoloi tse pedi tse ditona, o hirile batho ba le lesome, e bile o atoloseditse kgwebo ya gagwe kwa Palapye.

Rre Kefilwe Kagiso, wa kgwebo ya Printing & Branding, wa Lesenepole yo o thusitswe ka 2019, a re o hirile batho ba le babedi, le ntswa mmaraka o le ko tlase gape go na le metshine mengwe e a e tlhokang thata.

Tona Rakgare o ne a rotloetsa banana go tsena mo dikgwebong tse ba di ratang gore ba tle ba kgone go di godisa, a tlatsa ka go re kgwebo e nna le dikgwetlho, mme e batla bopelotelele le go leba tse dintle pele ga dikgwetlho.

A re banana bangwe ba tsweletse mo dikgwebong, kgang ke gore ba di godise ka letseno le ba le boneng, fa ba ba saletseng kwa morago ba kgothadiwa go tsaya malebela le megopolo mo go ba bangwe.

O ne gape a ba rotloetsa banana go bapatsa dikgwebo tsa bone, a re o batla go bona banana e le bagwebi ba batona.

Tona Rakgare a re letlhoko la ditiro le kwa godimo, ka jalo, a rotloetsa banana go lebelela tse ba di kgonang e seng go leba dithutego tsa dibuka fela.

O kopile banana go duela dikoloto tsa bone, gore ba bangwe le bone ba kgone go thusiwa.

Tona o ne gape a lekola lebala la metshameko la Pilikwe United, le le biditsweng ka mogaka wa pele wa kgwele ya dinao; Rre Oris Radipotsane kwa Pilikwe.

Tona Rakgare a re puso e batla batho ba ba e thusang ka go dira ditlhabololo tsa mofuta o, a tlatsa ka go re metshameko e botlhokwa ka gore e ntsha banana mo mekgwatheng.

A re o na le tshepho ya gore ba tlaa bona dithuso mo bagwebing, go aga tse di tlhokegang mo lebaleng leo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Tekodiso ya mananeo a YDF

Date : 23 Nov 2021