Breaking News

Tona o rotloetsa banana go ikopanya

23 Nov 2021

Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare o rotloeditse banana go ikopanya, gore ba thusiwe  go dira dikgwebo e le ditlhopha.

Tona Rakgare o buile jalo bosheng fa a etetse kgaolo ya Lerala/Maunatlala go lekola mananeo a banana bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF).

O ne a lekola dikgwebo tsa banana kwa Lerala, Maunatlala, Goo Tau, Goo Sekgweng, Lecheng le Pilikwe ka Labotlhano le Matlhatso.

A re mo nakong eno puso ga e na madi, ka a feditswe ke COVID-19, ka jalo go turu go thusa banana kana Batswana ka bongwe ka bongwe.

Rre Rakgare a re puso e lemogile gape gore go thusa banana e le ditlhopha go botlhokwa ka go fokotsa le yone tlhaelo ya lefatshe.

O ne a kopa bagolwane ba metse go rotloetsa banana go ikopanya go dira dikgwebo, le ba kabo-ditsha gore fa banana ba dirile jalo, ba ba abele lefatshe le ba ka direlang dikgwebo mo go lone.

O kopile batsadi go ema banana nokeng mo dikgwebong tsa bone, e seng go ba diga, a tlhalosa gore banana bangwe ba tsweletse sentle, fela ba tlhoka thotloetso.

Rre Rakgare o gakolotse banana go godisa dikgwebo tsa bone ka go di tswakanya, gore fa e nngwe e pala, e nngwe e thibe phatlha.

A re tiro ya lephata la gagwe ke go tlhabolola monana ka mananeo a a teng, a tlholosa gore mme le bone  banana go botlhokwa gore ba iteke. A re banana ba tshwanetse go dirisa madi a ba thusitsweng ka one ka pabalelo, le go busa a dikadimo gore ba bangwe le bone ba kgone go thusiwa.

Tona Rakgare a re lephata la gagwe le itse matshwenyego a banana, e bile le sekaseka gore le ka a rarabolola jang.

A re Lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo le lone le rotloetsa banana go ipopa ditlhopha gore ba dire dikoporase.

Tona a re puso e tshwanetse ya reka dithoto tsa banana le go ba thusa gore ba dire dikgwebo tse di nang le boleng.

Fa a bua ka botlhoka tsebe jwa banana, o ne a ngongorega gore batsadi ga ba age bana kwa malwapeng, ba beile mo mapodising.

Fa a leboga, mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Sethabelo Modukanele o ne a kopa batsadi go kgothatsa banana go tsaya mananeo tsia, a re a ne le bokamoso.

Kgosi Ookeditse Shaw wa Lerala o supile fa matshwenyego a banana e le go tlhoka lefatshe la dikgwebo.

Kgosi Shaw a re go thata gore ba kabo-ditsha ba abele banana ditsha, mme a kopa puso go dira sengwe go hema seemo se. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Tekodiso ya mananeo a YDF

Date : 23 Nov 2021