Breaking News

Banni ba Lehututu ba kopiwa go tlhopha kgosi ka matsetseleko

23 Nov 2021

Banni ba Lehututu ba kopilwe go nna le mowa wa neelano mo dipaakanyong tsa go isa leina  la Kgosi yo o tlaa tlhatlhamang Kgosi Kebapatile Montshiwa, yo o tlhokafetseng ngogola.

Motshwarelela molaodi wa Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa o kopile jalo ka Labotlhano, jaaka a ne a rebola banni ba Lehututu go ka ya go ithuna dinta pele ga ba tsisa  leina la yo ba eletsang a ka tlhongwa kgosi.

Rre Mangwa o ne a kopa banni go inela ofisi ya gagwe diatla metsing, ka tiego ya go simolodisa thulaganyo ya peo ya kgosi.

A re seo, se bakilwe ke go tlhagoga ga COVID-19, mme se, sa pateletsa puso go tlhoma seemo sa tshoganetso se se neng se sa letle gore go ka kgobokanngwa morafe, kgang kgolo e le go babalela setshaba mo kanamong ya bolwetse.

Ka jalo, o ne a ba gwetlha go dirisa sebaka sa gompieno go netefatsa gore ba a kopana ba dumalana ka leina le ba tlaa le rolang Sedimonthole a le lesome le bosupa.

A re leina leo, le tlaa fetisediwa kwa go ba lephata la dikgaolo le tlhabololo matshelo go le tlhomamisa.

Rre Mangwa o ne a ba gakolola gore tiro eo, e tlhokana le go tshwarwa ka manontlhotlho, neelano le therisanyo.

A re go dira jalo, go ka kgontsha morafe go supa yo ba eletsang a ka neelwa maikarabelo a go o etelela pele.

O ne a tlatsa ka go re morafe o seka wa itebatsa ngwao le ditso tsa one, ka jalo, e nne  dingwe tsa dikaedi mo ditshekatshekong tsa one.

O ne gape a ba gakolola gore therisanyo e e lolameng, e tlaa ba thusa go fapoga dihawa.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi, o ne a supa fa go le botlhokwa gore Lehututu a bewe kgosi ka jaana ditiro dingwe tsa motse di salela kwa morago.

O ne a supa fa diofisi tsa bogosi tsa Lokgwabe le Hukuntsi di ntse di tshwere ka natla go leka go thusa banni ba Lehututu, le ntswa a re go ne go sa lekana.

Kgosi Tshweneyagae, o ne a rotloetsa banni go ya go dira ka manontlhotlho mo dipuisanyong tsa bone.

A re neelano ya bone ke yone e tlaa thusang  go fefosa go  thijwa ga phatlha eo ya maemo a bogosi.

Fa ba akgela, mongwe wa banni Rre Cornelius Gaebolae, o ne a supa fa mo Lehututu, go na le merafe e le mebedi, wa Bangologa le Bashaga.

A re go tswa goo Lowe,  bogosi bo ntse bo le mo diatleng tsa Bangologa, ka jalo Bashaga le bone ba tshwanetse go fiwa sebaka.

Rre Keammona Mantle ene o ne a supa fa ba babaletswe ke go tlhoka kgosi ka jaana go emisitse ditshwetso tsa ditlhabololo tsa motse.

Rre Mantle o ne a kopa ba ntlo ya bogosi  go dirisana mo tirong eo ya go tlhophiwa ga leina la kgosi, a ba gakolola go remelela mo go dibeleng seriti sa bogosi jwa motse.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Bojosi Motshoge III go tswa kwa Tshane, o ne a tshwaela ka go re leina la moemedi le rerwa kwa ntlong ya bogosi.

A re le fa metse e na le merafe e e farologanyeng, seo  ga se rotloetse gore go ipagololelwe mogodu.

O ne a ba tlhagisa fa bogosi jwa motse mongwe le mongwe bo na le ditsamaiso, ka jalo, ga se botlhe ba ba tlaa neelwang bogosi, mme bangwe ba tlaa neelwa maemo a bogosana.

Kgosi Motshoge o ne gape a ba tsibosa fa go le mo maruding a banni go netefatsa gore ga ba senye lodula le tsamaisong e ba e fitlhelang ya bogosi mo motseng.

Mo mafokong a gagwe a malebo, mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Rre Keorapetse Jane o ne a rotloetsa morafe go iphapha mo dikgannyeng tse di ka tsisang dipharologanyo tse a reng di ka dia go tlhongwa ga kgosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LEHUTUTU

Event : Phuthego

Date : 23 Nov 2021