Breaking News

Kgosi Bosigo o tsamaile ka pula

23 Nov 2021

E rile ka Tshipi matshwititshwiti a batho a ralala pula e e mashetla a tshologela phitlho ya ga Kgosi Ketsieditswe Bosigo wa Malatswae.

Mongwe wa ba ba neng a tsene phitlho eo ke mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Rre Setlhomo Lelatisitswe, le dikgosi tsa metse ka go farologana.

Kgosi Bosigo, yo o simolotseng bogosi ka 1993, o tlhokafetse a le dingwaga di masome a a ferang bobedi.

Dibui ka go farologana, di ne tsa mo kaya e le motho yo o neng a rata batho, a le boikanyego, a rata boammaaruri e bile a ratwa ke batho, ka a ne a le ditiro dintle.

Mothusa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse o ne a supa fa a ne a dira le Kgosi Bosigo ka lobaka, mme a ne a le boikanyego mo tirong e bile a le lorato, a dira tiro ka botswapelo.

Kgosi Seretse a re Kgosi Bosigo o ne a tlotla bogosi jotlhe, e bile a rata dilo tse di tsamayang ka thulaganyo, ka jalo a re ka fa tlase ga ketelelopele ya gagwe, Malatswae ga a ise a nne le modumo ope.

Mokhanselara wa pele, Mme Bibilia Mosinyi, yo o supileng fa a sa le a nnile kwa Malatswae go simolola ka 1982 a tswa kwa Serowe, o ne a supa fa Kgosi Bosigo e ne e le motho yo o bonolo, e bile a le kutlwelobotlhoko mo morafeng.

A re ntswa go sa tlwaelesega, Kgosi Bosigo o ne a rata go tlhola batho ba gagwe

A re o ne a sa ipone tsapa ka a ne a kgona go kubuga fa a utlwaletse mongwe yo o nang le mathata kana a sa tsoga sentle, mme a ye go mo lekola.

Mme Mosinyi o supile fa e ne e a re ka dinako tse dingwe, Kgosi Bosigo a phuthe batho ba gagwe a utlwe gore ba tsoga jang, a tlatsa ka go re o ne a kgona go dira kagiso mo motseng, mme dikgang tsa botlhoka tsebe tsa ritibala.

Mme Mosinyi a re Kgosi Bosigo o ne a itse se morafe o se tlhokang, mme ka ditiro tsa gagwe tse dintle, motse wa gagwe o ne wa felela o nna le ditlhabololo di tshwana le sekole.

Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro, yo gape a okametseng Sehunou le Malatswae, o ne a supa fa Kgosi Bosigo a ne a tshwara tiro ya gagwe ka manontlhotlho le botswapelo, ntswa a ne a sa itewa seatla.

A re ke ene a rutileng Kgosi Bosigo tiro, mme o ne a e dira ka lorato ka go ne go se na ngongora epe e e neng e supa fa a sa dire sentle.

Ka jalo, a re ga go a latlhegelwa banni ba Malatswae fela, mme go latlhegetswe lefatshe ka bophara.

Kgaitsadia Kgosi Bosigo, Mme Margaret Olefile a re kgosi e ne e le mogaka, e bile gape a rata Modimo ka a ne a tsena kereke ya Faith Gospel After Christ (FGAC).

A re Kgosi Bosigo o ne a direla kereke thata, mme o tlhokafala jalo e ntse e le leloko le letona la FGAC.

Kgosi Bosigo o tlhokafetse Ngwanatsele a tlhola lesome le bosupa a sena go lwala ka bokhutshwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MALATSWAE

Event : phitlho

Date : 23 Nov 2021