Matla-ka-dibe a raletse Lentsweletau
23 Nov 2021
Banni bangwe le beng ba dikgwebo kwa Lentsweletau ba ne ba sala ba iphotlhere morago ga gore pula ya matla-ka-dibe e gosomane ka ponyo ya leitlho mo maitseboeng a Matlhatso.
Pula e, go tlhalosiwa fa e amile thata dikgotlana tsa Botlhapelong le Mokgalo mo dikgaolwaneng tsa Lentsweletau botlhaba le bophirima, ka e tlogetse matlo, dikgwebo le ofisi ya mopalamenete di sena marulelo.
Mongwe wa ba ba amilweng ke dipula tse, Rre Botoka Obatleng le mohumagadi wa gagwe, Tebagano, ba tlhalositse fa ba ne ba tlelwa ke bohutsana go bona borulelo jwa ntlo ya bone ya dikamore tse thataro e ba sa tswang go e aga bo sugakane mo go senang se ba ka se selang, ga mmogo le tshenyo ya ditlhoto tse di neng di le mo gare ga boidiidi jwa metsi.
Mong wa marekisetso a didirisiwa tsa kago a Grand Stone, Rre Nadir Chichanvala le ene o senyegetswe ke dithoto tse di ka lopang P50 000 ka ntlha ya go rutlomologa ga dikago tsa kgwebo ya gagwe le go koloba ga dithoto.
Rre Moeti Mmereki wa marekisetso a nama a Motsweding a re pula e tlogetse kago ya setsidifatsi e sugakane.
Molaodi wa Molepolole/Lentsweletau, Rre Moletsane Kabelo o lebogetse tsibogo ya morafe go ema nokeng bangwe ka bone ba ba wetsweng ke seru.
A re e re ka jaana komiti ya dibetso tsa tlholego dithuso tsa yone e le tsa nakwana jaaka tante le dijo, go a itumedisa go bona morafe o tsenya letsogo go ema nokeng malwapa a a amegileng.
A re seemo seo le fa tshenyo e le kgolo se tlamile gore ba thuse motho a le mongwefela ka tante.
Mmaboipelego wa Molepolole/Lentsweletau, Mme Dineo Segobai, a re ke malwapa a le mane fela a ba a thusitseng ka dijo tsa nakwana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : LENTSWELETAU
Event : Potsolotso
Date : 23 Nov 2021