Moruti Baitse wa Jacobs Ladder o bolokilwe
22 Nov 2021
Moruti Darius Baitse wa kereke ya Jacob’s Ladder o bolokilwe ka Matlhatso kwa Kanye, morago ga go lwala ka lobaka lo lokhutshwane.
Mopalamente wa Kanye Borwa Dr Lemogang Kwape yo gape e leng tsala, o kaile Moruti Baitse e le senatla sa temo le kgwebo, moeteledipele wa popota e bile e le lesole la tumelo.
Dr Kwape a re bontsi bo amule lorato, bonatla le boipelego mo go ene.
A re o tsamaile nae le Bishop Walebatla Radipitse mo loetong lwa botshelo, a ikaegile ka bone e le batsadi, go le monate le fa go le botlhoko.
Dr Kwape a re e ne e a re go le thata, a mmee fa pele ga Modimo ka thapelo a bo a mo fa ditemana gore a rudise mowa.
O tlhalositse fa a simolotse thomo e a mo go yone a ntse a na le bone, ba mo eme nokeng go tla go fitlha mo nakong ya gompieno.
Dr Kwape a re Rre Baitse e ne e le mogakolodi wa puso ka gangwe le gape o ne a mo gakolola a bo a mo roma gore a gakolole puso mo dikgannyeng tse di amang temo-thuo, botsogo, thitibalo ya setshaba le tsa tumelo ka e ne e le motsadi wa setshaba.
A re megopolo le boitemogelo tsa ga Moruti Baitse di ne di thusa go tlhabolola mananeo le tsamaiso ya puso.
O kaile fa Moruti Baitse a ne a itse go ingotla mo setshabeng, a rata lefatshe la gagabo mme e bile go utlwala fa a ne a seke a tlhoka go le rapelela a bo a rapelela le puso ka go kopa Modimo gore thitibalo ya mono, e e melediwang mathe ke mafatshe, e seka ya tswa Batswana ka ’phatlha tsa menwana.
Moruti Baitse o tshotswe ka 1934 kwa goora Mokonopi kwa Kanye.
O tlhakafetse kgwedi eno e le lesome le botlhano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : poloko
Date : 22 Nov 2021