Borre ba rotloeditswe go se itsenye mo kgatelelong
22 Nov 2021
Borre ba gakolotswe go emisa go itsenya mo kgatelelong ka go na le ditiro tse di solofelwang mo go bone ke setshaba.
Se se builwe ke tona wa Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong, Mme Anna Mokgethi ka letsatsi la mafatshefatshe la borre le le neng le tshwaretswe kwa Mmathubudukwane ka Labotlhano.
Mme Mokgethi o boletse fa go le botlhokwa go lemoga fa kgatelelo e, gantsi e felela e patika borre go dira masula ba leka go supa mashetla.
“Ke ka moo re tlamegang go lemoga le go amogela fa dinako di fetogile, mme re tswe ka maano a go tshela le go itshetlela mo dipakeng tseno,” ga bua Mme Mokgethi.
O boletse fa go le botlhokwa gore Batswana ka kakaretso, segolo bogolo borre, ba amogele dipaka tse ba tshelang mo go tsone ga mmogo le dikgwetlho tse diphetogo di tlang ka tsone.
A re dipaka tseno, di gwetlha batho go amogela tekatekano ya bong le go nonotsha bomme le bana ba basetsana ka jaana le bone ba na le seabe se ba ka se dirang mo go godiseng ditlhabololo.
A re go botlhokwa go lemoga fa borre ba dipaka tseno, ba tshwanetse go ipela ka go nna borre ba ba tshwaraganeng le bomme mo kgodisong ya bana go akaretsa le go tshwaraganela ditiro tsa mo gae.
Tona Mokgethi o boletse fa ditsamaiso le dithulaganyo tse di kgethololang ka bong, di kgoreletsa bomme le borre go tshwaraganela ditiro tse di tsisang ditlhabololo.
“Botsadi jo bo tlotlegang, bomatsale, bokgaitsadi kgotsa borakgadi, le bommamalome, a re emiseng go tlhola re itshunya dinko mo mererong ya bana ba rona segolo bogolo ba banyalani. Kana bana ba, ke bone ba itlhophelang gore ba batla go tsamaisa malwapa a bone jang. Ka jalo, a re ba tlogeleng tsweetswee!,” ga bua jalo Tona Mokgethi.
O ne a bolela fa setlhogo sa monongwaga se se reng; Go Tlotlomatsa Botsalano jwa Motia fa Gare ga Borre le Bomme mo Nakong tsa COVID-19 le Isago, se gwetlhilwe ke maitemogelo a go kukela ga dikgang tse dintsi tsa kgokgontsho mo nakong ya segajaja.
Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule, o kopile Bakgatla go itshekatsheka ka jaana go bo letsatsi le le ne le ipelelwa kwa Kgatleng go dirilwe ke gore dikgang tsa kgokgontsho di diragala ka bontsi mo kgaolong ya bone.
A re Bakgatla ba iphuthe metlhala ba leke go tshela ka kagiso, le go aga malwapa a a tiileng gore bana ba bone ba tsoge ba eletsega mo setshabeng.
Fa a ntsha la gagwe, mothusa ramasole, Maj. Gen. Mpho Mophuting o boletse fa lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo le tlhomile makalana a a faphegileng go thusa mo go sekasekeng dikgang tse di amang bana, popo-sesha ya magolegwa le go ba busetsa mo setshabeng, le tokafatso ya dikgang tse di amanang le bong ka kakaretso.
A re go lemosegile fa dikgang tse dintsi tsa borukutlhi di ama borre, ka jalo mananeo a le mantsi a direletswe gore borre ba bopiwe sesha gore ba boe ba amogelesege mo setshabeng.
O kopile gore e re go ipelelwa letsatsi la borre, go lemogwe fa borre ba le pharologanyo, ka jalo ba tshwanelwa ke gore ba nenekediwe go rutwa gore ba amogele tekatekanyo ya bong, e seng go feleletsa mashetla a bone mo go bomme le basetsana.
“A e re re ipelela letsatsi le, re rute bana ba basimane gore ba gole ba na le boikarabelo gore ba tsoge ba naalana le bana ba basetsana mo mererong yotlhe ya botshelo.”
Molomaganya ditirelo tsa lekalana la tsa borre, Rre Nonofo Leteane ene o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go tokafatsa tirisanyo magareng ga bomme le borre, a re se ke pinagare ya go aga setshaba se se nitameng.
Rre Leteane o ne a gatelela botlhokwa jwa gore bana ba basimane ba rutwe ba santse ba le bannye gore ba seka ba dirisa marapo a bone fa go sa tlhokafaleng teng.
O rotloeditse borre go tswela mo pontsheng fa ba na le matshwenyego, bogolo jang mo go tsa botsogo. A re dipatlisiso di supa fa borre ba latlhegelwa ke botshelo motlhofo, ntateng ya go tshaba go ikaela ba bongaka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : Phuthego
Date : 22 Nov 2021