Werda Kokotsha ba tla a tlhopha magosi
22 Nov 2021
Merafe ya Werda le Kokotsha mo kgaolwaneng ya Kgalagadi Borwa e rebotswe go simolodisa morero wa go tlhopha dikgosi, morago ga gore magosi a metse eo a tlogele tiro ka bogodi ngogola.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Kokotsha le Werda ka Laboraro, motshwarelela molaodi wa Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa a re go simolodisa morero wa go buisana ka go tlhopha ba ba tlhatlhamang magosi a a tlogetseng tiro go ne ga kgorelediwa ke go tlhagoga ga segajaja sa COVID–19.
Molao wa bogosi wa 2008, o fa morafe boikarabelo jwa go itlhophela kgosi. “Fa go bulega phatlha ya setilo sa bogosi kgosi a tlhokafetse kana o tlogetse ka bogodi, morafe o tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go tlhopha yo o mmatlang,” ga tlhalosa Rre Mangwa.
A re tsholofelo ke gore merafe o wetse morero wa go tlhopha yo o eletsang a nna setilo sa bogosi Sedimonthole a le lesome le bosupa.
Molaodi Mangwa a re dikgang tsa bogosi di masisi, di tlhoka morero le go buisanngwa ke batho ba wetse maikutlo. “Di tlhoka neelano, tlotlo, kutlwisisanyo, le therisanyo go tshegetsa ledula,” ga tlhalosa Rre Mangwa.
O supile gore tiro ya go tlhotlha leina la moeteledipele ke namane e tona ya tiro, e e tshwanang le go suga letlalo. A re maduo a tiro eo, a na le seabe mo bokamosong jwa motse.
Rre Mangwa are kgosi o tshwanetse a bopaganya morafe. “E nne motho yo o nang le boikarabelo go itsa mekgwa e e ka reng kamoso ya phatlalatsa morafe.
O tlhalositse gore leina la yo o tlhophilweng ke morafe go kaba phatlha ya bogosi, ofisi ya ga molaodi e tlaa le romela kwa go tona wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, go rurifadiwa.
Rre Mangwa a re bogosi bo tswa goo Lowe, mme e bile morafe mongwe le mongwe o na le tsamaiso ya go tlhoma kgosi, o dira jalo ka bogakolodi jwa matlhogotshweu a a itseng ditso le tsamaiso ya merafe, go itsa moholela fa go tsewa tshwetso.
Molaodi Mangwa a re, ‘morafe ke morafe ka kgosi, e bile kgosi ke kgosi ka morafe, ka jalo go tlhoma kgosi ke selo se se tshwanetseng go tshwarwa ka matsetseleko a a kwa godimo.”
Mo nakong eno morafe wa Kokotsha o tlhokometswe ke Kgosi Samuel Bimbo wa Omaweneno. Kgosi Bimbo o gakolotse morafe go nna kelotlhoko gore o kgone go itlhophela moeteledipele yo o nang le boikarabelo.
A re ba nne matsetseleko gore ba seka ba itlhaba ka thipa mpeng.
“Tlhophang motho yo o tlaa tsayang ditshwetso, a sa sokele ope dirope, a sa tsee letlhakore la ga ope a tsaya morafe ka tekatekano. Kgosi thotobolo...” ga tlhalosa Kgosi Bimbo.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, morafe wa Werda mo nakong eno, o ka fa tlase ga tlhokomelo ya ga Kgosi David Megano. Mo puong ya gagwe, Kgosi Megano o ne a re dikgang tsa bogosi di tshwanetse tsa tsewa ka matsetseleko, mme go dibelwa puo, go itsa mafoko a a ka fatlhang.
Rre Megano a re go botlhokwa go segela kokomane e e tlang tsela e e lolameng ya go tsamaisa bogosi. A re ditso tsa bogosi di kgona go kgotlelwa ke bangwe ka go tlhoka go bua boammaaruri.
Ka jalo, Kgosi Megano a re go botlhokwa gore morafe o itsolopanye mo morerong wa go tlhopha Kgosi. “Motse fa o sena Kgosi boo lobeto ba ipha naga. Mme jaanong nako e tsile ya gore morafe o ipetlele tsela,” ga tlhalosa Kgosi Megano.
Kgosi wa Kokotsha, Kgosi Samson Kudume o tlogetse tiro ka bogodi ka Lwetse ngogola a ne a tsene mo bogosing ka 1988.
Kwa Werda gone, Kgosi Keleofile Phihadu le ene o fologile setilo sa bogosi ngogola a ne a simolotse tiro ka 1989. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Nov 2021