COVID-19 e amile lenaneo la ditlhabololo
21 Nov 2021
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe o boletse fa ditsompelo tsa khansele di dirisitswe go thusa go lwantsha bolwetse jwa COVID-19, ka jalo ditirelo tsa khansele tsa amega.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Dikgonnye ka Labobedi, Rre Molokwe o ne a re ditlhabololo di ne tsa tlosolosiwa mme seemo se boela mo taolong ka bonya ka ka bonya, jalo go tlaa tswelelwa fa go engweng teng.
Rre Molokwe a re khansele e leka ka bojotlhe go diragatsa gore ditirelo le ditlamelo di goroge kwa setshabeng le fa go ka nna thata jang.
O kopile komiti ya ditlhabololo tsa motse go thusa ka ditlhabololo jaaka go baakanya leobo la kgotla le go tokafatsa matshelo a banni ka go agela batlhoki.
A re ditlhabololo tse di ka dirwa ka go dirisa madi a a mo letloleng.
O akgoletse banni ba Dikgonnye go ikgapha mo bolwetseng jwa COVID-19 a bo a ba kopa gore ba ikgaphe mo kgokgontshong ya bong.
Mo tekodisong ya motse, mogokgo wa sekole sa Dikgonnye, Mme Mighty Rathapo o ne a re ga go ise go gatisiwe dintsho dipe tse di amanang le bolwetse jwa COVID-19 mo motseng fa e sale bolwetse bo simolola ngogola.
A re maduo a baithuti kwa sekoleng ga se a a nametsang mme le fa go ntse jalo bogogi bo dirisana le batsadi go leka go bona gore baithuti ba ka thusiwa jang go tokafatsa maduo.
A re dikgang tsa kgokgontsho di dintsi mo motseng mme e bile di ama bana ka ba tlala tshakgalo le go kgokgontshana kwa dikoleng.
Fa ba ntsha dikakgelo, banni ba motse oo ba ne ba lela ka ditsela, go tsenyediwa dipone mo motseng le tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : DIKGONNYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Nov 2021