Breaking News

Borre ba kgothadiwa go itlhatlhobela kankere

21 Nov 2021

Borre ba tshwanetse go itlhatlhobela kankere ya bonna le malwetse a mangwe kwa dikokelong ka seo se ka ba thusa go bona kalafi nako e santse e le teng go itsa ditlamorago tse di ka felelang di gapa matshelo a bone.

Mafoko a, a boletswe ke mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Rre Mpho Mathe ka letsatsi la mafatshe la go rutuntsha borre ka kankere ya bonna ka Labotlhano kwa Tsabong.

Rre Mathe o ne a bolela fa borre ba tshwanetse go rutuntshiwa ka dikgang tse di amang botsogo jwa bone ka go le gantsi ba nna maoto a tshupa le gone go ikgatholosa go tsaya kgato ka botsogo jwa bone.

O ne a supa fa go le gantsi malwetse a mantsi a lemogwa mo go borre a setse a le mo seemong se se sa laolesegeng, ka jalo a ba kopa go itlhatlhobela malwetse kgapetsakgapetsa ka seo se ka thusa gore ba kgone go bona dithuso tse di maleba nako e sale teng.

Rre Mathe o ne a supa fa kankere ya bonna e gola ka lebelo le le feteletseng mme e bile dipatlisiso di supa fa borre ba dingwaga tsa bone di fetang masome a marataro, banna ba ba kima ba tshabelelwa ke kankere.

A re gpe dipatlisiso di supa gore gore mo gongwe kankere e kgona go ya ka lesika.

O ne a supa fa bolwetse jo, e le bongwe jwa a a bolayang a didimetse.

Dikai tsa kankere ya bonna di akaretsa go batla go tlhapologa kgapetsakgapetsa bogolo jang bosigo, go tlhoka go nna le keletso ya tlhakanelo dikobo, go tshubega kana go nna botlhoko fa o tlhapologa e bile go na le madi mo motlhapong, le tse dingwe.

O ne a rotloetsa borre go tsaya boikarabelo ka go gasa molaetsa ka bolwetse jwa kankere le gone go kgothatsa ba bangwe go ya go bo itlhatlhobela le malwetse a mangwe a a tshabelelang borre.

Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditirelo mo mokgatlhong wa kankere mo Botswana wa Cancer Association Botswana (CAB) Mme Motlagomang Gare o ne a tlhalosa fa lekgotla leo, le le ikemetseng ka nosi, le simolodisitswe ka 1998 ka tebelopele ya go fedisa kankere jaaka e le bothata jo botona mo Botswana.

Mme Gare o ne a supa fa letsatsi la borre le ipelelwa ka Ngwanaatsele ngwaga le ngawaga e le tsela nngwe ya go tsibosa borre go itseela kgato ka tsa botsogo.

O tlhalositse fa mokgatlho wa Cancer Association Botswana o itebagantse le go fa thuto ka thibelo ka go tshwara diphuthego go gasa melaetsa e e rutang setshaba ka kankere gammogo le go thusa ka tshidilo maikutlo mo balwetseng ba kankere.

Borre ba ba neng ba tsene phuthego eo, ba ne ba lebogela dithuto mme ba supa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go tsisa phetogo ka go tsaya kgato ka botsogo jwa bone.

Ba ne ba supa fa ba kgojwa marapo ke go leta mo go feteletseng kwa dikokelong, ka jalo ba kopa ba bongaka go tokafatsa seemo seo.

Setlhogo sa letsatsi e ne e le; Phetogo ya Sefatlhego sa Borre mo Botsogong jwa bone.

Fa a lebogela tiro ya letsatsi, moemedi go tswa kwa ofising ya mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Fredrick Cooper o ne a supa fa bolwetse jwa kankere bo le borai thata ka bo ka felela bo gapela motho botshelo fa a sa tsee kgato ka bonako, ka jalo a gakolola borre go ikemela ka dinao go ikgapha mo go tsenweng ke bolwetse joo jwa kankere ya bonna. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 21 Nov 2021