Kabo-ditsha ga e rate go thuba matlo
21 Nov 2021
Modulasetilo wa lekgotla la kabo-ditsha la Kweneng, Rre Kgang Kgang a re go thubela batho matlo ga go yo mo maitlamong a makgotla a kabo-ditsha.
Fa a buisa phuthego ya babega dikgang ka Labotlhano kwa Mogoditshane, morago ga gore go thujwe matlo mangwe kwa Metsimotlhabe ka Labone, Rre Kgang o ne a re go dira jalo e ne e le go itebaganya le mathata a kabo ya lefatshe.
O tlhalositse gore ntswa go thujwa ga matlo e le selo se se utlwisang botlhoko e bile se babalela maikutlo a botlhe ba ba amegang, molao o tshwanetse go diragadiwa.
Rre Kgang o tlhalositse gore lekgotla la kabo-ditsha la Kweneng le lekile ka bojotlhe go buisana le beng ba matlo go hema go thuba, mme go padile ka gantsi ba ne ba tshosediwa ka dilepe le go tlhapadiwa.
A re le fa go ntse jalo lekgotla la kabo-ditsha le ne la tsena mo dipusanyong le beng ba malapa le masimo a a neng a amega mme dithulaganyo tsotlhe tsa go tsaya lefatshe mo go beng go dirisediwa ditlhabololo tse di amang setshaba di ne tsa dirwa ga bo ga dumalanwa.
Rre Kgang a re sebe sa phiri se dule mo baneng ba ba neng ba re lekgotla la kabo ditsha le ba phimole keledi mme la ba tlhalosetsa fa lone le tsenye mo dipuisanyong le motho yo le mo abetseng lefatshe e bong motsadi.
A re kgang ya bone e ne ya tswelela go fitlhelela e bo e ya go felela kwa kgotleng ya dikgang tsa lefatshe ka 2016, a tlatsa ka gore kgotla e ne ya ntsha katlholo ya gore ba sutela ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa fa ba agileng teng mme ga pala.
Modulasetilo a re ba ne ba felela ba tsaya tshwetso ya go dirisa taolo ya kgotla ya tsa lefatshe gore tiro e kgone go tswelela, ka jalo ya re ka Laboneba ya go thuba matlo a a neng a kgoreletsa tiro.
Rre Kgang a re e ne ya re ka 2019 tiro ya go tsenya ditlamelo mo lefatsheng le le neng le setse le tserwe ke lekgotla la kabo-ditsha e e akaretsang tsela, mosele wa kgopho metsi le dipale tsa motlakase, ya simolodisiwa.
O ne a tlhalosa gore dipuisanyo di ne tsa tswelela le ba ba amegang, mme ba bangwe bafelela ba suta ga sala bone ba matlo a a neng a thujwa ka Labone.
A re se se botlhoko e bile se senya madi a setshaba ke gore mong wa kontera yo o filweng tiro ya go dira ditlhabololo o tswelela a duelwa le fa tiro e eme ka tota ene o a bo a setse a simolotse tiro.
A re o ne a lekodisa bogogi jwa Mokwena, dikgosi, mapalamente otlhe le makhanselara ka seemo sa dikgang tsa lefatshe mo kgaolong, kgang kgolo e le gore le bone ba thuse ka tharabololo ya sennela ruri.
Ka jalo a re o makadiwa ke gore bangwe ba baeteledipele ba, tshwaya lekgotla la kabo-ditsha phoso ka tiragalo ya Labone.
Rre Kgang o ne a ikana gore fa a santse a eteletse lekgotla la kabo- ditsha la Kweneng pele, o tlaa tlhomamisa gore le tswelela le dira se se siametseng Batswana botlhe le go sala molao wa lefatshe morago.
A re go na le batho ba e reng fa ba utlwa gore lekgotla le mo dipuisanyong le beng ba masimo a lekgotla le batlang go a tsaya ba bo ba tabogela go ya go a reka, selo se a reng se dia kabo ya ditsha kwa Kweneng, bogolo jang kwa Mogoditshane.
A re bangwe ba batho ba go nna jalo ke badiri ba lekgotla la kabo-ditsha fa bangwe e le baeteledipele ba setshaba.
Rre Kgang a re mo nakong ya gompieno lekgotla le na le palo ya batho ba ba emetseng go abelwa ditsha e feta dikete di le lekgolo le masome a mane, a tlhalosa gore gone kwa go neng go thujwa matlo teng go solofetswe go ajwa ditsha di feta dikete tse tharo fa tiro ya go tsenya ditlamelo e wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : GABORONE
Event : Phuthego ya babega dikgang
Date : 21 Nov 2021