Lekgotla la Kabo ditsha la Kweneng le tla diragatsa molao
20 Nov 2021
Modulasetilo wa Lekgotla la Kabo ditsha la kgaolo ya Kweneng, Rre Kgang Kgang a re go thubela batho matlo ga se le maikaelelo kana maitlamo a makgotla a kabo ditsha.
Fa a buisa phuthego ya babega dikgang ka Labotlhano kwa Mogoditshane, morago ga gore ba thubiwa ga matlo mangwe kwa Metsimotlhabe ka Labone, Rre Kgang a re go thuba matlo ga se maitlamo a bone, mme ba tshwanetse go itebaganya le kabo ya lefatshe.
O tlhalositse gore e ntswa go thubiwa ga matlo e le selo se se utlwisang botlhoko e bile se babalela ditlhalonyo tsa botlhe ba ba amegang, molao o tshwanetse go dirisiwa fa go le maleba.
Rre Kgang a re lekgotla la kabo ditsha la kgaolo ya Kweneng le tswa kgakala le batla tharabololo ya setsha le mong wa lelwapa le le thubilweng , mme go sena tharabololo bogolo jang ka fa baneng ba mong wa setsha.
O tlhalositse gore lekgotla kabo ditsha la Kweneng le lekile ka bojotlhe go buisana le hema tiragalo ya go thuba ntlo, mme go padile ka nako tse dintsi bane ba tshosediwa ka dilepe le go tlhapadiwa.
A re lekgotla la kabo ditsha le ne la tsena mo dipusanyong le beng ba malapa le masimo a a neng a amega mme dithulaganyo tsotlhe tsa go tsaya lefatshe mo go beng go dirisediwa ditlhabololo tse di amang setshaba di ne tsa dirwa ga bo ga dumalanwa.
Rre Kgang a re sebe sa phiri se dule mo baneng ba baneng ba re lekgotla la kabo ditsha le ba phimole dikeledi mme la ba tlhalosetsa fa bone ba tsenye mo dipuisanyong le motho o ba mo abetseng lefatshe.
A re kgang ya bone ene ya tswelela go fitlhelela e bo e ya go felela kwa Kgotleng ya dikgang tsa lefatshe ka ngwaga wa 2016, a tlatsa ka fa kgotla ene ya ntsha katlholo ya gore ba sutela ditlhabololo tse di ditshwanetse go feta fa ba agileng teng mme go ne ga pala.
Modulasetilo a re ba ne ba felela ba tsaya tshwetso ya go dirisa taolo ya kgotla ya tsa lefatshe gore tiro e kgone go tswelela, ka jalo ya re ka Labone(November 18) ba felela ba ya go thuba matlo a a neng a kgoreletsa tiro.
Rre Kgang a re e ne yare ka ngwaga wa 2019 tiro ya go tsenya ditlamelo mo lefatsheng le le neng le setse le tserwe ke lekgotla la kabo ditsha ya simolodisiwa e e akaretsang tsela, mosele wa kgopho metsi le dipale tsa motlakase.
O tsweletse ka go tlhalosa gore dipuisanyo di ne tsa tswelela le ba ba amegang, ba bangwe bane ba felela ba suta mme ga sala bone ba lolwapa le le neng le thubiwa ka Labone.
A re se se botlhoko e bile se senya madi a setshaba ke gore rakontera yo o filweng tiro ya go tsenya ditlhabololone o tswelela a duelwa lefa tiro e eme ka tota ene wa bo a setse a simolotse tiro mme a emisitswe ke dikgoreletsi tse di kabong di ne di seo.
A re se se utlusang botlhoko ke gore o ne a lekodisa bogogi jwa kgaolo ya Kweneng, Dikgosi, Mapalamente otlhe le Makhanselara ka seemo sa dikgang tsa lefatshe mo kgaolong, kgang kgolo ele gore le bone ba ba thuse ka tharabololo tsa se nnela ruri, mme jaanong go gakgamatsa fa bangwe ba bone ba ba supa ka monwana.
Rre Kgang a re Lekgotla la Kabo ditsha la Kweneng le tla a tswelela le dira se se siametseng Batswana botlhe le go sala tsamaiso ya molao wa lefatshe morago fa a santse a le eteletse pele.
A re go na le batho bangwe ba e reng fa ba utlwa gore lekgotla le mo dipuisanyong le batho ba masimo a lekgotla le batlang go a tsaya ba bo ba tabogela go ya go a reka, mme a re batho ba go nna jalo bangwe ke badiri ba lekgotla fa bangwe ele baeteledipele ba setshaba selo se a reng se dia kabo ya ditsha mo kgaolong ya Kweneng bogolo jang mo Mogoditshane.
Rre Kgang a re mo nakong ya gompieno ba na le palo ya batho ba ba emetseng go abelwa ditsha e feta dikete dile lekgolo le metso ele masome a mane a tlhalosa gore gone ko baneng ba thuba matlo teng go solofetswe ditsha di feta dikete tse tharo tse ba solofelang go di aba fa tiro ya go tsenya ditlamelo e wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : GABORONE
Event : phuthego ya babega dikgang
Date : 20 Nov 2021