Breaking News

O bolaile mokapelo a bo a ikaletsa

19 Nov 2021

 Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano (55) wa kgotla ya Mpatane kwa Mathangwane, a bolaileng mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse masome a mane le borobabobedi (48) pele  itseela botshelo ka go ikaletsa mo setlhareng ka Labobedi.

Mo potsolotsong,  mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Mogomotsi Kesupile, o tlhalositse fa tiragalo e diragetse kgwedi eno e le lesome le borataro kwa Mantshwabisi, morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano.

Supt Kesupile o tlhalositse fa rre yoo a ne a tlhaba mme yoo  ka sengwe se se bogale.

O supile fa ba tshwentswe ke dipalo tsa batho ba ba ikgapelang botshelo mo kgaolong ya Letlhakeng, a supa fa monongwaga batho ba le batlhano ba ikgapetse botshelo.

Mogolwane o gakolotse ba ba nang le matshwenyego go kopa thuso kwa dikgosing, mapodisi, ba boipelego le mo baruting. BOPA

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : potsolotso

Date : 19 Nov 2021