Breaking News

Mophato wa sesole se abela sekole sa Parakarungu

18 Nov 2021

Mophato wa bo masome a supa le bosupa wa ngwaga wa 2021 wa sesole sa Botswana o abetse sekole se se botlana sa Parakarungu mo kgaolong ya Chobe dibala makgolo (computers) di boferabobedi gammogo le mochine o o ntshang dipampiri o le mongwe fela.

Dimpho tse tsotlhe di lopile P87 979.15.

E rile fa a bua kwa kabong dimpho eo ka Mosupologo, Chief Instructor Military College, Colonel Atamelang Ramakoba are nngwe ya ditiro tse ba ba ikanneng go nna le seabe mo go tsone ke go tlhabolola thuto.

A re le ntswa maitlamo a bone e le go sireletsa lefatshe, bogogi jwa sesole bo bonye go le maleba go thusa ba ba kwa tlase ka jalo se ele sone se se ba gwetlhileng go tla go thusa sekole sa Parakarungu.

Col. Ramakoba o tlhalositse fa mophato wa bo masome a supa le bosupa o ntshitse madi go tswa mo dipateng tsa bone ebile ba sa patelediwa ke ope go ka dira jalo.

‘’Ga re simolole tiro e gompieno, re sale re simolotse go aba go simolola kwa Panda mme re setse re abetse dikole tsotlhe tsa Chobe. Fa re tswa fa re tla bo re ya kwa Nata,’’ go bua jalo Col Ramakoba.

O kopile batsadi go tshwaragana le barutabana go thusana go tokafatsa maduo mo sekoleng. O ne a tswelela ka go kopa bodiredi jwa sekolo go tlhokomela dibala makgolo tseo a bo a ba rotloetsa gore ba tshware ka thata go rutuntsha bana ka tsone go sena ngwana ope yo o tlogelwang kwa morago. O ne a fetsa ka go kopa gore dimpho tseo di tlhokomelwe di seka tsa ya go tshwana le dingwe tse ba di abetseng dikole tse dingwe mo kgaolong.

Erile a ntsha la gagwe, mookamedi wa tsa thuto mo Chobe, Rre Elijah Motlhabi o ne a lebogela se ba mophato wa bo masome a supa le bosupa ba se dirileng.

“Jaaka le tla bo le aloga go nna masole ke batla le tsamaye le ye go nna thebe ya sechaba. Le re bontshitse gore ga le a re sireletsa fela mo mmabeng wa ko ntle, mme le mo teng le lwantsha mmaba,” go bua Rre Motlhabi.

Rre Motlhabi o kopile baithuti go somarela didirisiwa tse ba di abetsweng. O ne a tlhalosa fa bone e le ba lephata la thuto ba ne ba isitse barutabana beke tse tharo go ya go rutuntshiwa ka go dirisa maranyane.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kasane

Event : kabo dimpho

Date : 18 Nov 2021