Breaking News

Boora Jorowe ba ikuela ka tsamaiso ya Bogosi

18 Nov 2021

Moemedi wa ba lelwapa loora-Jorowe Rre Mmoloki Steven, a re ba ikuetse kwa go motsamaisa makgotla a Setswana ka bogosi jwa Mulambakwena.

Rre Steven o tlhalositse fa boora-Jorowe ba le kgatlhanong le go tlhophiwa ga kgosi, ka e le bone beng ba bogosi ka matsalo. Fa a ikuela fa pele ga morafe, Rre Steven o tlhalositse botlhokwa jwa go tlotla ngwao le go somarela matlotlo a setshaba ga go ikgantsha ka bogosi.

A re ga ba kganele batsamaisi ba makgotla a Setswana go isa leina kwa go tona yo o maleba mme ba ikaelela go ema kgatlhanong le seo mme kgotla tshekelo ke yone e tlaa rarabololang kgang. 

Rre Steven o supile fa kgotla e le kwa merero ya motse e tshwarelwang teng ebile gape e le kwa go rutwang bana ngwao teng. E ne yare go le pele, monni wa motse, Rre Matts Matts a botsa gore a fa boora Jorowe ba ba neng ba emetse ditlhopho ba ne ba dule bafenyi, ne batla ngongorega ka tsamaiso ya go tlhophiwa ga kgosi?

Rre Smanga Jaku le e ene e le monni wa motse, o ne supa fa motlhala o le teng mme boora Jorowe ba leka go o timetsa, mme a kopa gore go diragadiwe maduo a ditlhopho jaaka a ntse, ba tlaa tseela kgang ya bone kwa pele.

Mme Chonga Jorowe wa dingwaga tse masome a fera bobedi le bobedi, o tlhalositse fa a godile a itse bogosi bo le mo diatleng tsa ga Kgosi Jorowe a na le Kgosana Sibe Mosojane.

Fa a garela, Kgosi Sibangane Mosojane o ne a tlhalosa fa ba tlaa tlhokana le tumalano ya ga Rre Nkhwanana Elliot, yo e leng ene a fentseng ditlhopho, menwana le Omang wa gagwe go tsweledisa tsamaiso ka jaana fa menwana e siame kwa go ba sepodisi, ba tlaabo ba fetisetsa leina kwa go tona.

A re fa ba emisa seo, ba tlaabo ba emisa tona, a tlatsa ka gore  Rre Elliot o tshwanelwa ke go tlhaloganya gore se se diragala bangwe ba le kgatlhanong le tsamaiso e e dirilweng. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Mulambakwena

Event : Phuthego

Date : 18 Nov 2021