Setshaba se rotloediwa go tlhwaafalela temo
18 Nov 2021
Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe o rotloeditse setshaba go tlhwaafalela temo gore se ijese mo nakong e thata e, ya segajaja sa COVID-19.
Dr Kedikilwe o buile se mo moletlong wa go ipelela Thobo kwa kerekeng ya UCCSA kwa Mookane bosheng.
Dr Kedikilwe, yo o neng a patilwe ke mohumagadi wa gagwe o ne a abela kereke e, mpho ya P5 000, fa kereke yone e kokoantse madi a fetang madi a fetang P34 000 a tla dirisiwang mo tsamaisong ya kereke.
Dr Kedikilwe a re go botlhokwa gore setshaba ka kakaretso se tseye boikarabelo jwa go tlhwaafalela go temo gore se kgone go ijesa. O akgoletse banni ba Mookane go bo ba santse ba tshwere ka natla mo temong. O ne gape a lebogela puso go rotloetsa balemi, gammogo le barui, ka go ba okeletsa tseo tse di ka ba thusang go tlhabolola le go oketsa thobo le leruo la bone.
Go tlhagoga ga segaja sa COVID-19, Dr Kedikilwe a re go tlisitse bohutsana, ka go pateletsa puso go seegela kwa thoko ditlhabololo dingwe, gore e itepatepanye le go lwantsha kanamo ya segajaja se le go babalela matshelo a setshaba. “COVID-19 e re tsentse fa le fa ka gore madi a ditlhabololo tse dingwe a fetiseditswe ko go e lwantsheng go boloka matshelo.
Fa a amogela baeng, Moruti wa UCCSA kwa Mookane, Moruti Laone Oki o tlhalositse fa letsatsi la thobo le direletswe go obama ‘le gone go lebogela Modimo tseo, tse a re di diretseng mo ngwageng otlhe, go tla go fitlha ka jaana a ntse a re tshegeditse le mo nakong ya segajaja sa COVID-19.’
“Le ntswa letsatsi le le lebega e kare ke la go kokoanyetsa kereke madi, mme tota le direletswe gore thobo e re e ntshang e, e tle e thuse le batlhoki le gone go tsamaisa ditiro tsa kereke ka go farologana,” ga bua Moruti Oki.
Letsatsi la thobo, Moruti Oki a re gape ke sebaka sa go lebogela Modimo mpho ya botshelo. Fa a segofatsa thobo, Moruti wa pele wa UCCSA, Rev. Malebogo Mothibi o kgothaditse bao ba ba sa kgonang go neela gore ba seka ba inyatsa go bo ba sa tlisa thobo ya bone mo ntlong ya phuthego, a re Modimo o itse boteng jwa dipelo tsa bone. Se se botlhokwa, a re ke go bo ba tsile go obama le barapedi ka bone.
Rev. Mothibi a re thulaganyo ya thobo, e fa barapedi sebaka sa go neela se ba se robileng kwa masimong le mo matshelong a bone a tlatsa ka gore thobo e, e a rapelelwa gore e ate. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mookane
Event : Moletlo
Date : 18 Nov 2021