Balemi ga ba amogele tshwetso ya ba kabo-ditsha
17 Nov 2021
Tshwetso ya ba lephata la kabo-ditsha kwa Mmadinare ya gore balemi ba ba mo tikologong ya toropo ya Selebi Phikwe ba emise go lema, e tsisitse diphapang fa gare ga balemi le lephata la kabo-ditsha.
Se se tla morago ga bokopano jwa lephata le balemi barui, kwa ba kabo-ditsha ba tlhalositseng fa ba tla letlelela thuo fela eseng go lema ka gore mafelo a ke meraka eseng masimo. Mongwe wa ba ba amilweng ke tshwetso e Mme Basinyi Mosweu wa moraka wa Mathathale gaufi le Selebi Phikwe o tlhalositse mo potsolong fa ba kabo-ditsha ba Mmadinare ba ne ba biditse balemi-barui ba meraka ya Mathathale, Makgwaphe, Selebi le e mengwe e gaufi le toropo ya Selebi Phikwe go ba itsese fa ba sa tlhole ba letlelelwa go lema kwa mafelong ao.
A re tshwetso e e mmeile ka fa mosing ka gore o tswa kgakala a itshetsa ka temo gone mo lefelong le go sena molato ope ka batsadi ba gagwe ba sale ba beilwe mo lefelong le ke dikgosi bogologolo.
A re ene le ba bangwe ba filwe kgwedi tse tharo gore e be ba emisitse go lema, a tlhalosa fa go ya go nna bokete go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. A re tshimo ya gagwe ga e na setlankana ntswa ene le balemi-barui ba bangwe ba tswa kgakala ba kopa gore ba neelwe ditlankana gore le bone ba kgone go akola mananeo a puso a tshwana go phaka dipeo, go lemelwa ke puso ga mmogo le go dira temo ya nosetso.
Mme Mosweu a re batsadi ba gagwe ke bangwe ba batho ba neng ba fudusiwa kwa Selebi Phikwe go sutela moepo wa BCL mme ba sikelwa lefelo ke dikgosi, ba bo ba ya go nna kwa Mathathale, a tlatsa ka gore toropo ya Selebi Phikwe e fitlhela ba ntse ba sa bolo go nna mo lefelong le.
A re ba kabo-ditsha ba sale ba ganne go ba neela ditlankana ka jalo go dirile gore toropo ya Selebi Phikwe e be e dikaganyeditswe ke meraka le masimo a bo maipayafela.
Rre Peter Tila yo le ene a amilweng ke kgang e a re ba kabo-ditsha kwa Mmadinare ba kopile gore mo kgweding tse tharo e be ba ntshitse diterata tse ba ageletseng masimo ka tsone ka gore ga ba sa tlhole ba letlelelwa go lema kwa Mathathale.
A re o ne a seka a dumelana le kgang e. Rre Tila a re Batswana ba tswa goo-lowe ka temo, ebile go ka sokodisa gore ba nne le masimo le meraka mo mafelong a a farologaneng. A re o sale a tsena mo temo-thuong kwa Mathathale ka 1994 mme a ftlhela go ntse go na le batho mo lefelong leo, mme jaanong go a gakgamatsa gore ka se sebaka ba kabo-ditsha ebe ba ba sukura.
Rre Otsweletse Mpebe le ene ga a dumelane le kgang ya go emisa temo ka gore ba itshetsa ka yone.
A re go lema go ne go mo thusa fela thata ka gore o ne a kgona go lemela leruo la gagwe mme ka nako e go senang phulo a kgone go jesa leruo gore le seka la kokonelwa ke leuba.
A re go tlhoka go lema go ya go dira botshelo jwa gagwe bokete, ka a ne a kgona go oba letsogo a rekisa ditswatemong ka fa a godisa leruo la gagwe.
A re o swabile nko go feta molomo gore mo nakong e puso e eletsang go ntsha Batswana mo lehumeng e be go na le ba ba tlang ba oketsa lehuma.
A re o sale a nna mo Mathathale ka ngwaga wa 2012 mme kgwetho ke gore masimo a bone ga a na ditlankana, selo se a reng se ba itsa go akola mananeo a puso ka go sena se se rurifatsang fa tshimo ele ya gagwe.
Le fa go ntse jalo maiteko a go bua le ba lephata la kabo-ditsha la Mmadinare ka kgang e a foloditse ntateng ya gore modulasetilo le mokwaledi wa kabo-ditsha ba ne ba seyo go arabela dikgang tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : Selibe Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2021