Breaking News

Ba Rakops ba tla thlopha kgosi

17 Nov 2021

Banni ba Rakops ba kopilwe go buisana go tswa ka leina yo o lebanweng ke go nna kgosana ya tetlanyo ya motse wa bone.

Se se tla morago ga gore bangwe ba ngongorege ka leina la yo o neng a tlhophilwe  mo ditlhophong tse di tshwerweng mo sebakeng se se fetileng bare ditlhopo di ne di sa tsamaya sentle ka bangwe ba batlhophi ba ne ba tswa kwa nlte ga motse wa Rakops.  

Selo se, se ne sa dia go tlhongwa ga kgosi mme bosheng  banni ba ne ba ikuela mo go Tautona Dr Mokgweetsi Masisi. Ka jalo mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Kgotla Autlwetse  o ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Rakops ka Mosupologo, kwa a tlhalositseng fa bogosi ele jone jo bo agang motse. 

O ne a bolelela morafe fa go le mo maruding a bone go bona gore go tlhongwa kgosana. 

One a supa fa a sa tshwara leina lepe la motho yo o tlaa tsayang setilo sa kgosana ya tetlanyo, ka tsamaiso e e neng ya dirisiwa go tswa ka leina le le ntshitsweng e ne e se maleba.

A re go ne ga nna le bangwe, ba ba neng ba kwala mokwalo ba ipelaetsa ka leina le a le amogetseng go tswa kwa go Kgosi Diane Jacob wa Rakops.

Tona Autlwetse a re, go ne ga nna le batho ba le borobabobedi, ba ba neng ba kwala mokwalo, ba supa fa go na le batho bangwe ba ba tswang kwa metseng  ee kwa ntle ga Rakops, ba ba neng ba tsenelela ditlhopho tseo.

One a kopa morafe gore ba seka ba letlelela sepe se se ka tsosang dikgoberego kana go kgoreletsa kagiso ee tumileng mo lefatsheng la Botswana. 

Are bogosi bo nale metlhala ele mebedi, e bong bogosi jwa matsalo, le jo motho a tsenang mo setilong ka ditlhopho tse di direlwang mo kgotleng.

O ne a kopa morafe go boela morago, go ya go tsaya tshwetso ka leina la moeteledipele, o ba eletsang a ka tsaya setilo.

Tona Autlwetse, o kopile morafe go tlhopha kgosi ka phuthulogo mo mpaananeng, go tlhophelwa mo kgotleng.

One a supa fa bogosi bo tswa goo lowe bo lwelwa ebile bo sekwa, a tlhalosa fa bo ka kgaoganya morafe. 

Tona o gakolotse morafe go tlhopha moeteledipele oo ka agang motse a etelela batho botlhe a sa leba lekgamu lepe.

O ne a ba kopa go ya go baakanya diphoso tse di diragetseng.

“A tlhokwa di robale, a go nne kagiso mo motseng wa rona.A re se letlelele gore bogosi bo re kgaoganye, ga gona oo tlaa tswang go sele go le beela kgosi.”

A re bogosi bo tlhophiwa ke batho ba motse e seng ba ba tswang kwa ntle ga motse.

Tona Autlwetse, o ne a tswelela a tlhalosa fa bogosi e se mananeo, mme a re batho ba seka ba tsena mo bogosing ka gore ba batla go ja. 

O ne a tlhalosa fa goromente a dirile mananeo gore fa bangwe ba na le keletso ya go nna balemi barui, ba ithuse ka one. 

Bogosi le polotiki ga se di ya thoteng di bapile, motho yoo tlhopiwang go ema mo setilong sa bogosi ga a tshwanela gore a bo a nale kgatlhego mo sepolotiking.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la makgotla a Setswana, Rre Patrick Tlotleng, o ne a tlhalosa fa molao wa Botswana o lemoga motho yo o dingwaga di lesome le boroba bobedi ele motho yo o nang le maikarabelo. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thandy Tebogo

Location : Rakoos

Event : Phuthego

Date : 17 Nov 2021