Tshwaragang go lwantsha kgokgontsho
16 Nov 2021
Banni ba Ditshegwane ba rotloeditswe go tshwaraganela dikgang tsa kgokgontsho ka seo se ka thusa go lwantsha mmaba o.
Go tlhalosiwa fa se, se le botlhokwa ka kgokgontsho e ama mongwe le mongwe.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane go tswa ofising ya AIDS kwa Letlhakeng Rre Kennedy Dintwe, fa a ne a ntsha molaetsa kwa bokopanong jwa go ruta batho ka dikgang tsa kgokgontsho le kgethololo kwa Ditshegwane bosheng.
Rre Dintwe o supile gore fa ba ka kgona go fenya dikgang tse, batho ba metse e mengwe ba ka tla go tsaya malebela mo go bone. O tlhalositse fa bomme ba nna ba rwele bokete ka dinako tsotlhe.
Le fa go ntse jalo o akgotse borre ba malatsi a, a supa fa bontsi jwa bone ba tlhokomela bana ba bone.
O tlhalositse fa borre ba maloba ba ne ba itatola bana gape ba ne ba sa ba tlhokomele.
Rre Dintwe o kopile botlhe bao ba ba kgokgontshiwang go ikatumetsa ditirelo tsa puso kana ba kope thuso kwa makalaneng a a ikemetseng.
Mogolwane are kgokgontsho ke botlhole jo bo jwelelelang go gaisa jwa noga, mme ka jalo go le botlhokwa gore e seka ya letlelelwa go jwelelela.
Rre Dintwe o tlhalositse fa go latlhegelwa ke motho ka ntlha ya kgokgontsho go ama itsholelo ya lefatshe, ka jalo go le botlhokwa go e lwantsha mme ope a seka a re ga di mo ame.
O tlhalositse fa tiriso ya ditagi e atile mo bananeng mme a kopa batsadi go kgalema. Fa a leboga mogolwane go tswa kwa ofising ya ga molaodi kwa Letlhakeng Mme Bianca Moswela, o ne a re mo malatsing a gompieno batho ba kgona go tsaya setshwantsho sa motshikhinyego fa motho a betswa go na le gore ba mo thuse, a bo a kopa mongwe le mongwe go ikatlhola a le nosi gore a se a se dirang se siame.
O rotloeditse Batswana go se tseye karolo go bolaya batho ba bangwe ka dipuo tsa bone le go ba tlhatlhoba ka matlho.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ditshegwane
Event : Bokopano
Date : 16 Nov 2021