Barui ba abela mong ka bone
16 Nov 2021
Morui mongwe wa kgotla ya Logonono kwa motseng wa Tsabong Rre Johane Kgathileng o abetswe dihutshane di lesome ke barui bangwe morago ga gore dihutshane tsa gagwe di le masome a supa le botlhano di jewe ke molelo.
Fa a bua kwa tirong ya go abela Rre Kgathileng dihutshane ka Matlhatso, Modulasetilo wa mokgatlho wa Molopo Small Stock Cooperative Association Rre Leo Tumaeletse o ne a tlhalosa fa barui ba ne ba iphesa go ema morui ka bone nokeng ba lebile tatlhegelo ya gagwe e e neng ya bakiwa molelo wa naga oo neng o tlhagile mo kgaolong eo ngwaga ono.
Rre Tumaeletse o boletse fa mokgatlho oo o itebagantse le barui ba dihutshane mme o simologile ka ngwaga wa 2007 ka maitlamo a go tlhabolola le go tokofatsa matshelo a bone.
A re e re le ntswa Rre Kgathileng a se mo mokgatlhong wa bone, ba ne ba bona go le botlhokwa go ema le ene mo nakong e e thata.
Rre Tumaletse o ne a rotloetsa barui ba dihutshane mo kgaolong eo go inaakanya le mokgatlho wa Molopo Small Stock Cooperative Association ka e le one oo ka ba buelelang mo dikgwetlhong tsotlhe tse ba kopanang le tsone.
O ne a ba kgothatsa go tshwara ka thata ka jaana dihutshane di le bogadi bo gaufi e bile a supa fa puso e arabile selelo sa bone ka go aga matlhabelo mo Tsabong.
Fa a abela Rre Kgathileng dihutshane mo boemong jwa mokgatlho, mothusa Kgosi ya motse wa Tsabong Kgosi Richard Toto o ne a mo gakolola go di tlhokomela gore di tle di ntsifale.
Kgosi Toto o ne a supa fa a tla ya go kopa morafe wa gagwe go thusa ka fa ba kgonang teng go ntsha Rre Kgathileng mo seemong se a leng mo go sone.
Fa a ntsha la gagwe moeteledipele mo ofising ya matlhoko a loruo mo kgaolong eo Dr Elisha Nyakarombo o ne a kgothatsa Rre Kgathileng go dira ka natla go atisa se a se abetsweng a supa fa dihutshane e le tsone teemane e barui ba kgaolo eo ba ikaegileng ka yone.
Dr Nyakarombo o ne a kgothatsa barui ba dihutshane ba kgaolo eo go ema ka dinao go inaakanya le mokgatlho oo ka go bonala fa o na le tebelopele.
A re gape seo se tlaa tlhabolola barui mo kgaolong eo ka ba tlaa bua ka lentswe le lengwe gongwe le gongwe fa ba kopang dithuso teng.
Dr Nyakarombo o ne a abela morui yoo dijo tsa leruo, melemo le dirisiwa tse dingwe di tswa kwa lephateng la temothuo.
O ne a supa gape fa lephata le tlaa tswelela ba mo ema nokeng.
Rre Kgathileng o ne a lebogela ba Molopo Small Stock Cooperative Association tiro e ntle e ba mo e diretseng a supa fa a tswa kgakala ka thuo ya dihutshane e a e ithutileng mo go Mmaagwe mogolo. O ne a solofetsa go dira ka gotlhe go netefatsa gore se a se abetsweng se mo solegela molemo.
Ba lephata la Dikitsiso le Kgaso mo Tsabong le bone ba ne ba supa fa le bone ba kgathala ka botshelo jwa ga Rre Kgathileng mme ba mo abela dikoko di le tlhano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Logaganeng
Event : Kabo dihutshane
Date : 16 Nov 2021