Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi

15 Nov 2021

Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa kotsi ya tsela e mo go yone rre mongwe a latlhegetsweng ke botshelo morago ga go thulwa ke koloi ya sepodisi mo tseleng ya A1 gaufi le dipone tsa mesepele tsa Rasesa.

Mookamela mapodisi a tsela a Mochudi Superintendent Seabelo Gwamba o boletse mo potsolotsong le BOPA ka Labotlhano, gore kotsi e e diragetse ka nako ya metsotso e e masome a mabedi go tlogela oura ya borataro mo mosong wa Labotlhano.

A re moswi, yo o dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo le masome a mararo le botlhano, o ne a itshidila fa thoko ga tsela fa a tla thulwa ke koloi mme a tlhokafalela gone foo.

Supt Gwamba a re ditlhotlhomiso di supa fa koloi ya sepodisi e ne e tswa bokone e lebile borwa fa moswi ene a ne a tswa borwa a ya bokone fa kotsi e e diragala.

A re mokgweetsi wa koloi eo o thusa mapodise ka ditlhotlhomiso fa moswi ene a le kwa setsidifatsing. 

Supt Gwamba o rotloeditse badirisi ba tsela go nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka go rotloetsa ba ba itshidilang fa thoko ga tsela go apara diaparo tse di bonalang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 15 Nov 2021