Kereke e tshwanetse go nna sekao-Motlhagodi
15 Nov 2021
Kereke e tshwanetse go nna sekao mo morafeng ka nako tsotlhe ka e rwele boikarabelo jwa go bopa le go aga motho.
Se se builwe ke moeteledipele wa lekgotla la dikereke tsa semowa, Dr Tebogo Motlhagodi kwa letsatsing la kabo dimphole gape e neng e le letsatsi la matsalo la ga moruti Kesegofetse Mandelo wa Kereke ya Seventh White Angel Church mo Selebi Phikwe ka mafelo a beke.
Dr Motlhagodi a re, le ntswa Kereke ya Seventh White Church e na le dingwaga tse thataro fela, ditiro tsa yone di a bonala ka e tsweletse ka go fetola matshelo a batho ba ba dikobo dikhutshwane ka go ba apesa,go ba jesa le go ba direla bonno.
O ne a re moruti Mandelo e santse e le monana mme ditiro tsa gagwe tsa go direla modimo di gola tsatsi le letsatsi mo e bileng a ne a neelwa maikarabelo a go etelela kgaolo ya Bobirwa le Selebi Phikwe.
A re seo gape se ne sa dira gore e nne mongwe wa baruti ba ba neng ba neelwa boikarabelo jwa go sedila maikutlo badirela puso le badiri ba bangwe ba dikompone tse di ikemetseng morago ga kiletso mesepele e e neng ya goga lobaka le le leele ntateng ya mogare wa COVID-19.
Le fa gontse jalo o ne a kgothatsa moruti Mandelo go tsepama mo lefokong la Modimo ka boammaruri a supa fa go santse go na le matshwenyego a baruti bangwe ba ba santseng ba tsweletse ka go timetsa setshaba se ba se eteletseng pele.
O supile fa se se sa siama ka ele nngwe ya dilo tse di tsenyang kgotlhang le go kubetsana mo dikerekeng, a tlhalosa fa lekgotla le hupeditswe ke dikgang tsa go nna jaana.
Dr Motlhagodi a re, baruti ba tshwanetse go thusana le puso mokgweleo wa go bopa setshaba le go ruta bana ka poifo modimo gore lefatshe le tsoge le na le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo.
Are se se nontshang pelo ke go bona moruti Mandelo le ba lelwapa la gagwe ba tsweletse ka go dira tiro e ntle ya go abela ba ba tlhokang ka se se thusa go fokotsa dipalo tsa batlhoki mo lefatsheng.
O ne a mo rotloetsa go dirisa letsatsi la go ipelela malatsi a botsalo jwa gagwe, go itshekatsheka go bona gore a mme o santse a setse lefoko la Modimo morago.
Are se, se ka mo thusa go tswelela mo loetong la gagwe la go direla Modimo.
Le fa go ntse jalo o ne a tlhalosa fa a itse ka selelo sa letlhoko la ditsha tsa dikereke,a supa fa go tlhomilwe lekoko go itebaganya le seo mme e tlaare morago ba tle ba begelwe ka kgang ya teng.
E rile a tswa la gagwe, Moruti Mandelo o ne are dikereke di lebanwe ke tiro e ntsi ya go bopa motho mme se se ka kgonagala fela ka tshwaragano ya baruti.
A re baruti ba tshwentswe thata ke dikgang tsa kgokgontsho,dipolaanao tsa marato le go tlhoka tsebe ga banana, mme a supa puso e tlhoka ba-na-le-seabe ba ba akaretsang kereke go thusa.
Kwa bofelong moruti Mandelo o ne a abela batho ba le lesome dijo,melora le diaparo se e le tsela nngwe ya go fokotsa manokonoko a lehuma.
O ne a tlhalosa fa se e se phelelo ka a itlamile go tswelela a thusa ba ba tlhokang go ka ba naya seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Kabo dimpho le malatsi a matsalo
Date : 15 Nov 2021