Breaking News

Kgotla ya Meriting e abetswe dimpho

15 Nov 2021

Khamphani ya Rulwa Morwalo construction e abetse banni ba kgotla ya Meriting kwa Ghanzi dibipa molomo le nko di le 1 000 le dibolaya mogare tsa 200ml di le 50.

Fa a bua kwa moletlong wa go rola dimpho, mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa Ghanzi Bokone, Rre Nametso Sephiri o lebogile boeteledipele jwa khamphani go lemoga botlhokwa jwa go abela morafe di dirisiwa tsa go ipabalela mo bolwetseng jwa COVID-19.

Rre Sephiri a re dimpho tseo, di tsile ka nako e e siameng a bo a rotloetsa khamphani go tswelela e thusa setshaba. 

A re go thusa morafe ga se tiro e potlana, a tlatsa ka go rotloetsa banni go dirisa dimpho tseo ka manontlhotlho.

O kgothaditse banni go tsaya mokento o o thusang mmele go itsetsepela kgatlhonong le COVID-19 ka dipalo tse di kwa godimo le go rotloetsa bana ba bone ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo, go tsaya mokento. 

O gakolotse banni gore ba tswelele ka go sala ditaelo tsa botsogo morago ka dinako tsotlhe.

Mogolwane wa Rulwa Morwalo, Rre Tony Sebabi a re ba bone go tshwanetse go thusa banni ba Meriting, ba lebeletse seemo se ba tshelelang mo go sone. 

A re ba tlaa tswelela ka go thusa, go fokotsa letlhoko le banni ba nang nalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Kabo dipiba molomo le nko

Date : 15 Nov 2021