BONEPWA e tsibosa banni ka Kgokgontsho le kgethololo
14 Nov 2021
Kgosi Selelo Kelebang wa kgotlana ya Badutlwe kwa Ditshegwane a re kgokgontsho ga e a siama ka e felela e baka dintsho.
Kgosi Kelebang o buile se fa a amogela baeng kwa Ditshegwane ka Labone, kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke BONEPWA, go tsibosa morafe ka kgokgontsho ya bong le kgethololo ya batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV.
A re go nnile le dintsho tsa kgokgontsho di le pedi mo motseng, e le fa le lengwe e le la go ikgapela botshelo.
Kgosi o kopile baratani gore ba kgaogane ka kagiso fa mongwe wa bone a sa tlhole a batla yo mongwe.
Mogolwane wa ofising ya BONEPWA kwa Letlhakeng, Mme Khumo Keaja, o supile fa maikaelelo e le go tsibosa batho ka kgokgontsho ya bong, go batlisisa gore ke eng se ba se tlolang go fedisa kgokgontsho, go nonotsha le go ba tlhatlhelela gore ba kgone go ikemela mo dikgannye tsa kgethololo le kgokgontsho.
Fa a bua ka kgethololo le kgokgontsho kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS, Mme Tshoganetso Lebuletswe go tswa kwa Ditshegwane Support Group, o kaile fa a ne a tshwarwa ka mogare wa HIV ka 2001, mme a simolola go tsaya diritibatsi ka 2007.
A re o ne a ikgokgontsha ka lebaka le leleele a sa ikamogele, go fitlhela go tla makalana a a ikemetseng a botsogo ba tla go ba tlhatlhelela, mme a felela a ikamogela a bo a tswela mo pontsheng.
Mme Lebuletswe a re erile go akanya gore o fentse ntwa ya mogare, a simolola go kgethololwa ke batho mo motseng, le baeteledipele ba motse tota, go fitlhela a begela ba ofisi e e maleba mme seemo sa fetoga.
A re batho ba tlhokafetse ba le bantsi mo motseng ka ntlha ya go tshaba go tswela mo pontsheng ba, tshaba kgethololo, a bo a kopa ba ba sa itseng seemo sa bone go itlhatlhoba.
O tlhalositse fa a ne a kokgontshiwa ke moratiwa wa gagwe ka lebaka le leleele a ithaya a re o a mo rata, mme ya re a ikgakologelwa, a mo kopa gore ba kgaogane ka kagiso, mme ka lesego ga nna jalo.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Ditshegwane
Event : Kamogelo baeng
Date : 14 Nov 2021