Breaking News

Boora Jorowe ba tla reediwa ka Laboraro

14 Nov 2021

Boikuelo jwa boora Jorowe mabapi le go tlhongwa ga kgosi ya motse wa Mulambakwena mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bo tla reediwa ka Laboraro. Tshwetso eo, e tserwe morago ga phuthego ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa motseng oo ka La botlhano. 

E ne ya re mo bekeng e fetileng ka Mosupologo, ga nna le ditlhopho tsa bogosi jwa motse, mme boora Jorowe ba nna kgatlhanong le seo.

Boora Jorowe go begwa fa ba isitse mokwalo wa boikuelo kwa go motsamaisa makgotla a Setswana go seka seka kgang eo. 

Fa a buisa ba tsena phuthego ka Labotlhano, Kgosi Sibangane Mosojane wa Mosojane o tlhalositse gore e ne yare ka Tlhakole ngogola, konteraka ya khiro ya ga Kgosi Sam Jorowe ya tla bokhutlong, mme pele ga foo, o ne a rerisitswe ka seo go setse dikgwedi tse thataro go ka e shwahatsa.Go ya ka Kgosi Mosojane, Kgosi Jorowe o ne a kwala lokwalo a supa fa a lapile, e bile a lwala mme a sena maikaelelo a go tswelela ka bogosi.

A re Kgosi Jorowe o ne amogela mokwalo o o mo lebogelang tiro e ntle e a e dirileng, a boa a direlwa moletlo wa tsamaya sentle, ke ba a neng a dira le bone. O ne a buisanya le Kgosi Jorowe kwa lapeng go tla kgotleng go tla go tlhalosa kgang ya gagwe ka botlalo. Kgosi Mosojane a re Kgosi Jorowe o ne a seka a kgona go iponatsa ko bokopanong joo, ka a kaile fa a sa tsoga sentle, mme a romela lekoko go tla go reetsa le go ikutlwela kgang eo mo boemong jwa gagwe.

O tlhalositse gore go ne ga romelwa mongwe wa dikgosi tsa motse go tla le ene, mme a fitlhela gotwe ngwana wa gagwe o motsere o tsamaile le ene. Mothusa Molaodi, Mme Wapapha Ramotiti o ne a tlhalosa fa dikgang tsa bogosi di le masisi, ka jalo a kgothatsa botlhe go bua ba wetse dibete.

Mme Ramotiti o tlhalositse fa botsadi boora Jorowe bo ikuetse gore dilo dingwe ga dia tsamaya sentle, mme ba kopa e le ba bogosi gore ba neelwe sebaka sa go reediwa, ba sa kgaphele ko thoko maduo a ditlhopho a a setseng a dule, mme go tshwanetswe go sala molao motheo morago, gore ka moso Kgosi ya motse e bo e le e ba e itlhophetseng gape ba dumalane go mmaya mo setilong.

Mme Ramotiti o kopile malatsinyana ka Kgosi Jorowe a santse a ikoka, mme a tlhalosa fa phuthego e tla tswelela fa a sena go sidilega.Motsamaisi wa Makgotla a Setswana mo Bokoni Botlhaba, Rre Segopotso Sekwape a re molao wa bogosi o tlhalosa fa e le tiro ya morafe go itlhophela Kgosi.

A re ba ne ba tla go reetsa boikuelo jwa bangongoregi, mme kgang yone e lebagane ke go rarabololwa ke beng gae. O tsweletse ka gore fa e le ditso tsa motse, ga ba batle go gobelela ope, mme ba fa batho ba motse go rarabolola kgang ya bone.

Bangwe ba baagi ba ne ba batla go tlhalosediwa gore Kgosi Jorowe o tsene jang mo bogosing le gore mo dingwageng tse dimasome a mabedi le botlhano, ba simolotse go itse leng gore bogosi jo bo a tsalelwa.

Baagi ba re bogosi jo ba buang ka jone ba re bo a tsalelwa, ke jwa kgotlana ya goo Rra Jorowe, e seng jwa motse wa Mulambakwena.

Ba tlhalositse gore ka 1993, Kgosi Sam Jorowe o ne a tlhophiwa, e bile gape bangongoregi ba tsere karolo mo ditlhophong tsa beke e e fetileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Mulambakwena

Event : Phuthego

Date : 14 Nov 2021