Breaking News

Legadima le tlogela lelwapa mo logoeleleng

14 Nov 2021

Ba lelapa loora Mothale, kwa Sexaxa, sekgalanyana go tswa Maun, ba falotse ka bobi jwa segokgo morago ga gore ntlo ya bone e rathwe ke tladi e bo e kapa molelo mo bosigong jwa Laboraro.

Mongwe wa bone, Mme Bonolo Mothale o boletse mo potsolotsong gore tiragalo eo e ba garotse dipelo, e bile e ba tlogetse mo logoeleleng. 

O tlhalositse fa ntlo ga mmogo le dithoto tsotlhe, di akaretsa malao, dikobo, paka ya bana ya sekole le dibuka le dijo, di lorile.

Mme Mothale o boletse fa tiragalo eo e diragetse fa ene le mme mmaagwe le bana ba le bane, ba robetse. 

O tlhalositse fa pula ya dikgadima e ne ya tla ka mashetla, mme ka ponyo ya leitlho, go ne ga tsena lesedi le letona mo ntlong, mme la ngaparela mo leboteng le lebega jaaka legala. 

A re o ne a tlelwa ke letshogo, ka jalo a tsosa mmaagwe le bana gore ba iphalotse.

Mme Mothale a re e rile fela jaaka ba bula lebati, ba utlwa modumo o motona, o o ka reng sengwe se a thunya, mme fa ba tswela kwa ntle ntlo ke fa e setse e jajasela ka molelo.

O tlhalositse fa ka lesego go sena ope yo o gobetseng, a tlatsa ka go re baagisanyi ba ne ba leletsa ba lephata la ditimamolelo, mme ya re go gorogeng ba kgona go tima molelo oo.

Mme Mothale a re mapodisi le one a ne a goroga, mme a ba ragosetsa kwa kokelong kwa ba fetileng ba thusiwa, mme ya re letsatsi le le lateng ba gololwa.

Mokhanselara wa kgaolo, Rre Kobamelo Baikgodisi o rurifaditse tiragalo eo, a re e ba gakgamaditse, e bile e tsaletse lelapa leo matlhotlhapelo. 

A re ba itsesitse ba ofisi ya boipelego, ba ba tsweletseng ka go bona gore boora Mothale ba ka thusiwa jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Sexaxa

Event : Potsolotso

Date : 14 Nov 2021