Kgosi Bimbo o tlogetse tiro ka bogodi
11 Nov 2021
Kgosi ya pele ya Draihoek mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Kgosi Charles Bimbo o tlogetse tiro ka bogodi ngwaga o o fetileng morago ga gore a buse dingwaga di le masome mararo le botlhano.
Mo puisanyong le BOPA bosheng, Kgosi Bimbo o ne a tlhalosa fa a tsene mo setilong sa bogosi ka 1985 mme a tlogela tiro go ya go ikhutsa ngwaga o o fetileng Lwetsi a ya fifing.
Kgosi Bimbo o ne tlhalosa fa a tsene mo setilong sa bogosi ka tlhopho motse o santse o gola ka nako eo ka go ne go agilwe sekole le kokelwana fela mme mo nakong ya gompieno o tlogela ditlhabololo di le mmalwa ka jaana go setse go na le ofisi ya kgotla, ya boipelego, molemisi le mokenti.
O boletse fa a ne a eteletse pele merafe e e farologanyeng e akaretsa Makhalate, Bangologa, Barolong le Baherero mme a ba tshwaraganya gore ba bopagane ka go tsaya morafe ka tekatekanyo mme kwa phelelong ga rena kagiso le kutlwano kwa motseng oo.
Kgosi Bimbo o ne a supa fa bogosi e le selo se se masisi se se tshwanentseng gore fa o le mo setilong o nne sekao mo morafeng ka go nna pelotelele, boineelo, boingotlo, boikarabelo le botho jo bo eletsegang mo setshabeng e bile gape go sa ikgogomose.
O boletse fa a kgonne tiro ka tshwaragano le dikgosana tsa dikgotla tse nne tse di mo motseng ka jaana ba ne ba bereka ba le seopo sengwe ka dinako tsotlhe.
A re ere ka jaana motse oo o le gaufi thata le terata ya molelwne ba ne ba tshwenngwa ke borukutlhi jwa go tlola terata ya molelwane go ya Afrika Borwa le jwa go tlodisa leruo jo a supileng fa mapodisi a motse oo a ne a tshwara ka thata go bo laola.
Kgosi o boletse fa banni ba motse wa gagwe bontsi jwa bone ba ikaegile ka temo-thuo mme sekgoreletsi e le pula e e nang ka boutsana mo kgaolong eo, ka jaana ba tsibogela temo fela fa pula e nele e le ntsi le gone gore gape ba inaakantse le mananeo a puso go tokafatsa lmatshelo a bone.
A re dingwe tsa dikomiti tse a berekileng le tsone go tlhabolola motse oo di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya batsadi le barutabana, Home Base Care le gone go tshwaragana le morafe ka kakaretso.
Kgosi Bimbo yo o tshotsweng ka 1947, o tlogetse tiro ka bogodi a le dingwaga di le masome a supa le boraro ngogola ka jaana a ne a lemoga fa a setse a gogile morafe ka lobaka.
O boletse gore o eletsa gore yo o tlaa mo tlhatlhamang a tsweleledise go bopaganya morafe gore tiro ya gagwe e nne motlhofo ka seo gape se tlaa tsisa kagiso le thokgamo mo motseng .
O boletse fa a ikemiseditse go gakololana le kgosi yo o tlaa tsayang setilo nako le nako fa a tlhoka dikgakololo tsa gagwe gore tiro ya puso e tswelele, morafe o akole ditirelo le go tlhabologa ga motse.
Kgosi wa pele wa Draaihoek o ne a galaletsa puso ka boeteledipele jwa ga Tautona Dr Mokweetsi Masisi go bo a ne a ema ka dinao mo nakong ya segajaja sa COVID-19 go tlhomamisa gore Batswana ba a sireletsega le gone go ba batlela mokento.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi David Toto II wa Tsabong e bile e le moemedi wa Kgalagadi Borwa kwa Ntlo ya Dikgosi o ne a tlhalosa fa Kgosi Bimbo e ne e le senatla ka a dirile tiro ya gagwe ka botswerere go fitlhelela a tlogela tiro e bile a tlotla bogosi ka a ne e le sekao ka go itlotla.
A re Kgosi Bimbo o ne a rata morafe e bile a o tsaya ka tekatekanyo le gone go o bopaganya ka e ne e le merafe ya makgatlhanela thapong.
A re o ithutile tiro ya bogosi mo go Kgosi Bimbo ka a mo fitlhetse mo tirong mme ba bereka mmogo dingwaga tse di fetang masome a babedi ka kutlwano, lorato le tshwaragano ya motia.
Kgosi Toto II o kaile Kgosi Bimbo e ne e le motho yo o amogelang mongwe le mongwe ka lorato ka a le dinyao, selo se a supileng fa se ne se dira gore morafe o phuthologe go mmegela fa ba na le dikgang tse ba kopang tharabololo kana tetlanyo mo go tsone e bile a di tshwara ka matsetseleko le fa a sekisa tota. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : DRAAIHOEK
Event : Puisano
Date : 11 Nov 2021