Baithuti ba tsibositswe ka kgokgontsho
11 Nov 2021
Ka Lorato Gaofise
MAHALAPYE - Kgokgontsho e e diragalelang masiela e a tshwenya ka e ama matshelo le dithuto tsa bone.
Ka jalo setshaba se tsibositswe ka botlhokwa jwa go emela dikgang tsa kgokgontsho ka dinao go agela bana ba isago e e eletsegang.
Se se builwe ke mogokgo wa sekole se sebotlana sa Xhosa kwa Mahalapye, Rre Kgokonyane Kgokonyane kwa mogwantong wa sekole seo o o neng o tshwarwe ka maikaelelo a go tsibosa baithuti ka bodiphatsa jwa kgokgontsho ya bong le gore ba ka ikuela kae fa ba ka iphitlhela ba diragaletswe ke tiragalo e.
“Re tshwanetse ra itlhokomela thata mo dinakong tsa gompieno tse di thata ka go ema mmogo kgatlhanong le kgokgontsho ya bong. Re le setshaba re tshwanetse ra tshwaragana ra nna kgatlhanong le kgokgontsho ya bong gore re kgone go tshela re gololesegile. A re tshwaraganeng, re bue ka lentswe le le lengwe,” ga bua Rre Kgokonyane
Mogokgo o tlhaloseditse baithuti gore dikgang tsa kgokgontsho ya bong ga di diragalele bomme le bana ba basetsana fela, a gatelela gore borre le bana ba basimane le bone ba amega mo ditiragalong tse.
Ka jalo o rotloeditse baithuti go begela batsadi kgotsa barutabana ka kgokgontsho nngwe le nngwe e e ka ba diragalelang.
Fa ba itemogela gore batsadi kgotsa barutabana ba bone ga ba ba sekegele tsebe, a re ba gololesegile go ikuela kwa mapodising, bommaboipelego kgotsa baruti.
“Kgokgontsho ya bong, bongwanaka, e ka e dirwa ke mongwe le mongwe fela le fa e le wa lesika, jaaka kgaitsadi, malome kgotsa moagisanyi. Mme fa selo seo se ka go diragalela kana se diragalela monnao, mogoloo kgotsa ope yo o mo itseng o tshwanetse wa bolelela mongwe yo mogolwane yo o mo tshephang,”
Fa a tlhalosa moono wa mogwanto o, morutabana wa tshidilo-maikutlo, Mme Patricia Moleta o tlhalositse fa a ne a bona go le botlhokwa gore baithuti ba masiela ba lemotshiwe ka seemo sa kgokgontsho ya bong ka e ama dithuto tsa bone.
Mogwanto o, Mme Moleta a re gape o ne o diretswe go tsibosa le sone setshaba ka bodiphatsa jwa kgokgontsho ya bong, ka baithuti ba ne ba gwanta ba tshotse dipampitshana tse di kwadilweng melaetsa e e kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
“Maikaelelo a rona ke go tlhatlhelela baithuti ba ka ditsela tsotlhe tse ba ka di dirisang go ikuela fa ba ka iphitlhela ba diragaletswe ke ditiragalo tse,” a tlatsa.
Mogolwane wa Lephateng la Bong, Mme Baleseng Marumo o tlhalositse fa kgokgontsho e diragalela mongwe le mongwe, e sa tlhaole e bile e tsuolola setho le maikutlo a batswasetlhabelo.
A tlhalositse fa kgokgontsho ya bong e akaretsa go itewa mo go feteletseng mo go bakang dikgobalo tse di ka amang botsogo jwa motho, go kgojwa ka mafoko a a botlha a a ka amang maikutlo le setho sa motho kgotsa go dirisiwa botlhatshwa mo go tsa tlhakanelo-dikobo.
“Se se botlhokwa se le tshwanetseng go se itse ke gore kgokgontsho e, e ka diragalela mo pontsheng le fa go fitlhegileng teng, mme go botlhokwa go ikuela fa o ka iphitlhela o diragaletswe ke ditiragalo tse. Fa dilo tse di ka go diragalela, begela motsadi, morutabana, mapodisi, mmaboipelego kgotsa moruti kana ope fela yo o mo tshepang gore selalome seo se tseelwe dikgato,” a tlatsa.
Mme Marumo o supile gape gore go kekela ga kgokgontsho ya bong go a tshwenya ka go ama matshelo a batho ka ditsela tse di farologanyeng, jaaka go latlhegelwa ke botshelo kana go nna le bogole.
District No. 16 Gender Focal Person, Sub-Inspector Gabriel Ramaribana o supile fa go na le ofisi ya sepodisi e e itebagantseng le dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
Ka jalo o rotloeditse baithuti gore ba seka ba nna le poifo epe go ikuela kgatlhanong le kgokgontsho nngwe le nngwe e e ka ba amang fa dilalome di ka ba tshosetsa matshelo.
Sub-Inspector Ramaribana a re go botlhokwa gore motswasetlhabelo wa kgokgontsho ya bong a ikuele gore a bone thuso e e maleba le gore botlhoko jo bo ba diragaletseng bo seka jwa aga mo pelong.
O kopile baithuti gore ba ele tlhoko gore ga ba kgokgontshe bana ba bangwe kwa malwapeng le baithuti ka bone mo sekoleng.
Fa a ema baithuti ka lefoko la kgothatso, Moruti Mokganedi Machipisa wa Eloyi o kopile baithuti go tlotla batsadi ba bone ka go obamela ditaelo tsa bone ka dinako tsotlhe gore Modimo o ba okeletse malatsi a botshelo.
Ka go twe susu ilela suswana, Moruti Machipisa o kopile batsadi go tlotla bana gore bana le bone ba kgone go ba tlotla.
“Batsadi a re godiseng bana ka tsela e Modimo a e eletsang ya lorato le tumelo gore ba kgone go itemogela pharologanyo fa gare ga molemo le bosula. Ke tshwanelo ya motsadi mongwe le mongwe go godisa bana sentle a sa ba kgokgontshe, mme le lona bana le seka la kgokgontsha batsadi ka go tlhoka tsebe,” ga rotloetsa Moruti.
Mothusa Mogokgo wa Xhosa, Mme Ivy Mokalake o lebogetse ba-na-le seabe botlhe go bo ba iphile sebaka go tsibosa baithuti gore ba ka itshireletsa le go ikuela jang kgatlhanong le diphatsa tse di ka ba diragalelang tsa kgokgontsho ya bong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : mogwanto
Date : 11 Nov 2021