Breaking News

Barolong ba ipaakanyeditse letsema

10 Nov 2021

Motshwarelela rabalemisi wa kgaolo ya Barolong Farms, Rre Phenyoyaone Keaja a re ofisi ya gagwe le balemi ba kgaolo ba malala a laotswe mo pakeng eno ya temo.

E rile a buisana le BOPA bosheng, Rre Keaja a tlhalosa fa ba kwadisitse balemi ba babotlana ba feta dikete dile tharo.

O supile fa a solofetse gore selekanyo sa ditema tse di tsileng go lengwa di fete dikete di le lesome le metso e mebedi mme a tlatsa ka go re seo se ka nna sa fetoga ka gore kgaolo e itemogela koketsego ya kgolo ya balemi ba ba golwane.

Rre Keaja o supile gape gore ofisi ya gagwe e eme sentle go ka simolola go aba dipeo mo baleming botlhe ba ba ikwadisitseng.

E re le fa go ntse jalo, Rre Keaja o supile fa ba na le ngongora ya gore balemi bangwe ba ikgatholosa go tlhagola masimo morago ga temo.

A re mokgwa oo o ba tshwenya fela thata e le balemisi ka jaana o holodisa maikaelelo a lephata a gore lefatshe leno le kgone go itemela dijo tse di lekaneng.

A re dinako tse dingwe balemi bangwe ba kgona go tswa ba iphotlhere mo masimong mabaka e le gore dijalo di fekeeditswe ke mhero.

Rre Keaja a re se balemi ba ka se dirang ke go boela kwa mogopolong wa melaletsa wa go thusana go tlhagola.

O supile gore mogopolo o ke one o oka solegelang balemi molemo ka go lebega ba na le bothata jwa go bona babereki ba ba thusang ka go tlhagola.

Motshwarelela rabalemisi o supile gape gore le bo raditerekere ba itikile ba ikwadisa ka dipalo tse di nametsang.

A re ikwadiso eo ya boraditerekere e tswaletswe Phalane a ya fifing.

O ikuetse mo go bone gore ba netefatse gore ba lemela setshaba sentle, a supa fa go na le bangwe ba ba eteleditseng go batla go lema masimo a mantsi kwa pele mme seo se dire gore tiro ya bone e nne loleya.

Rre Keaja a re thobo ya ngwaga o o fetileng e ne e sa itumedise mme sebe sa phiri e le dipula tse di neleng morago ga nako mme e bile di sa ne mo dikgaolong tsotlhe.

A re seemo seo se ne sa dira gore dijalo ka bontsi di tlhabelwe ke pheho mo masimong di ise di bee dijo tse di tiileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Good Hope

Event : Potsolotso

Date : 10 Nov 2021