Breaking News

Bogosi bo tsogetswe ke mekubukubu

10 Nov 2021

Peo ya kgosi ya Mulambakwena kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba e lebega e le kgakala le go diragala ka  jaaka ba lesika loora Jorowe ba ikuetse ka tumelo ya fa bogosi joo bo ba lebanye.

Se se dule morago ga ditlhopho tse di neng di tshwerwe ka Mosupologo go tlhopha kgosi.

Mo maineng a le matlhano go ne ga tlhophiwa Rre Nkhwanana Elliot, mme Rre Arnold Jorowe le ba gabone ba gana maduo, ka jalo ba ikuela mo motsamaising wa ditlhopho, Kgosi Sibangane Mosojane.

Ka jalo ga dumalanwa go kopana ka Labotlhano Ngwanatsele a le lesome le bobedi go ntsha pelaelo ya gore bogosi jwa motse wa Mulambakwena ke jwa bone kana jang.

Mo ditlhophong tseo, Rre Elliot o ne a bona batlhophi ba le makgolo a mabedi le metso e le lesome le bongwe a tlhatlhangwa ke Rre Richard Gudu ka batlhophi ba le lekgolo le metso e le lesome le bone (114) fa Rre Motheto Uyapo a bonye bathophi ba le masome a mararo le boraro.

Bangwe ba ba neng ba phadisanya le bone ke Mme Chigocha Kedumetse le Rre Jorowe ba ba bonyeng batlhophi ba le masome a mararo le masome a mabedi le borobabongwe ka go latelelana.

Kgosi Mosojane o tlhomamisitse fa a amogetse ngongora eo mme a tsaya tshwetso ya go bitsa phuthego ya kgotla go fa bangongoregi sebaka sa go ala kgang ya bone ka botlalo.

Go ya ka Kgosi Mosojane, ba lelapa le le ngongoregang, ba re bogosi ke jwa lelapa la bone ka e le ba-ja boswa jwa ga Kgosi Sam Jorowe yo o tlogetseng tiro ka bogodi.

Kgosi a re ditso di supa gore Kgosi Jorowe yo o tlogetseng tiro ka Lwetswe ngogola o nnile Kgosi a sena go tlhophiwa e seng ka matsalo.

A re bokopano jwa Labotlhano bo tlaa atlhola gore a bangongoregi ba ka tswelela ka maikaelelo a bona a go isa kgang  kwa kgotleng ya ditsheko,  kgotsa jang.

Se se tlaa emisa go isiwa ga leina la ga Rre Elliotkwa go  motsamaisa makgotla a Setswana go ya go sekasekwa, le go amogelwa semmuso.

A re fa ba sa dumalane kwa bokopanong jwa Labotlhano, go raya gore kgang e tlaa bo e ka ya kwa makgotleng a ditsheko, e e ka ntshang taolo ya go emisa go isiwa ga leina kwa go tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae.

Kgosi Mosojane a re go tlhongwa ga yo o tlhatlhamang Kgosi Jorowe ga go a ka ga dirwa ka bonako ka ntlha ya go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19 le seemo sa tshoganyetso.

O ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ditlhopho di ne di gololesegile e bile di babalesegile le gore ba bararo ba ba neng ba emetse ditlhopho ba amogetse maduo.

O ne a tlhalosa fa menwana ya mofenyi e tlaa romelwa kwa mapodising mme fa a kile a dira molato kana dingwaga tsa gagwe di feta masome a fera bobedi, yo o mo tlhatlhamang ke e ne a tlaa tsayang setilo sa bogosi.

Kgosi Mosojane o tlhalositse gore kgatlhanong le kgang ya gore banana ga ba tle matlhophelong, go bonetse gore bontsi jwa batlhophi e ne e le banana.

A re basadi le banana ba supile tlhoafalo mo go tsa ngwao jaaka bogosi, a supa fa se e le tlhabologo e e amogelesegang, a tlatsa ka go re go ne go na le monana wa mme yo o neng a emetse ditlhopho tseo.

Mongwe wa baagi, Rre Gumbu Palalani wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le borataro a re motse o ntse dingwaga di ka nna pedi o sena kgosi mme selo se se ne se sa siama ka se ne se emisitse ditlhabololo tsa motse.

A re fa e sale kgosi ya bone e tlogela tiro, go ntse go le thata go bona ditlamelo, jaaka ba ne ba tshwanelwa ke go rurifatsa mekwalo le ditlankana kwa Mosojane.

A re se se ne se se bonolo  mo morafeng ka fa gongwe ba fitlhela kgosi a tserwe ke ditiro tse dingwe.

Moagi wa Mulambakwena, Mme Gabaitsewe Khiyane yoo dingwaga tse di masome a supa le bongwe o supile fa ditlhopho di tsamaile sentle, a tlhalosa fa batlhophisi ba ne ba le bofefo go batlisisa boOmang, go ntsha dipampiri tsa go tlhopha le tiriso ya dibolaya megare.

Mme Khiyane a re morero ka thulaganyo ya ditlhopho o dirilwe nako e le teng ka go ne ga nna le diphuthego tsa kgotla pele ga ditlhopho go rerisa morafe o o neng o setse o kopa ditlamelo kwa Mosojane o o ka nnang bokgakala jwa dikhilomithara di le lesome le bobedi.

Bangwe ba banana, Mme Lesedi Palalani wa ngwaga tse masome a mabedi le bobedi le Mme Shathisani Colia wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe ba tlhalositse fa mananeo a ditlhabololo tsa motse a ne a amega ka lebaka la go tlhoka kgosi.

Ba re mananeo a ditlhabololo a akaretsa ofisi ya kgotla, lefelo la itloso bodutu la ditso le lefelo la kgwebo ya bojanala le temo-thuo ke mangwe a a amegileng.

Ba akgotse monana wa mme e leng Mme Kedumetse yo e neng e le ene ntlhopheng fela wa monana gape ba re go ema moo go supa bopelokgale le go itshepha mo ditlhophong tseo.

Ba re go tsenelela ditlhopho ga gagwe ke kgothatso le sekao mo bananeng le basadi ba bangwe, ba tlatsa ka go re basadi ga ba a tshwanela go tlhajwa ke ditlhong le go ipaya kwa morago mo ditirong tsa boeteledipele.

Bobedi jo bo tlhalositse fa ba batla moeteledipele yo o ka tsholetsang motse wa bone, ka merero ya ditlhabololo gape a na le tebelopele ya go ba etelela pele a ba tlodisa melatswana.

Ba re ba tlhophile ba lebeletse bokgoni jwa motho le diphetogo tse motho a ka di tsisang mo motseng le mo morafeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Francistown

Event : Ditlhopho

Date : 10 Nov 2021