Dikereke di gwetlhiwa go dibela kagiso
09 Nov 2021
Dikereke di gwetlhilwe go tsaya karolo mo go dibeleng kagiso ya lefatshe leno.
Moeteledipele wa lekgotla la Organization of African Instituted Church (OAIC), Dr Mookami Motlhagodi o buile jaana fa a tlhoma lekalana la OAIC la Hukuntsi Sub-chapter ka mafelo a beke.
Dr Motlhagodi a re lefatshe le apesitswe kobo ka letshoba ke madubadube a tshwana le malwetse, botlhoka tsebe, lehuma, dipharologano tsa sepolotiki le tumelo.
Ka seo, o ne a gwetlha dikereke go tsaya maikarabelo ka go tshwaragana le puso le ba-na-le seabe ka kakaretso go lwantsha diemo tseo, gore lefatshe le robalelwe ke ditlhokwa.
Mo go tse dingwe, o buile a sa kgale mathe ka go thubega ga dikereke, a re gantsi dipharologanyo tse, di bakwa ke go itlhokomolosa melao metheo ya dikereke, le go dirisa maemo a boeteledipele ka fa go sa tshwanelang ka teng, mme a kopa tomagano go diragatsa thomo ya Modimo.
O ne a rotloetsa dikereke go nna sekao mo setshabeng ka go jwala peo ya popagano.
Dr Motlhagodi o ne gape a rotloetsa dikereke go tsosolosa mowa wa boithaopo mo malokong.
A re go ka ba thusa go ikokoanyetsa madi go ikagela matlo a kobamelo, go na le go leba kwa pusong ka dinako tsotlhe.
Fa a afa maikaelelo a letsatsi, Bishop Mabega Lesedi o ne a tlhalosa fa lekalana la Hukuntsi Sub-chapter e le lone le tlaa bong le lomaganya dikereke tsa semowa tsa kgaolo le lekgotla le le tona la OAIC.
Bishop Lesedi o ne a supa fa dikereke di lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka matlo a kobamelo, mme a kopa gore puso e ba thuse.
Bishop Thusego Kgosinaga ene o ne a tlhalosa ka ditso tsa OAIC, a supa fa e tlhamilwe ka 1978 kwa Cairo, mme ya phatlalala le lefatshe ka bophara, maikaelelo magolo a lone e le go kopanya dikereke tsa semowa go dira ka bongwefela jwa pelo mo go tsa sedumedi.
A re mo borwa jwa Afrika le simolotswe semmuso ka 1985, mme moeteledipele a tlhophiwa mo Botswana.
Fa a ntsha lefoko la kgothatso mo malokong a Hukuntsi Sub-hapter, Bishop Phillimon Modise o ne a re ntswa ba lebanwe ke namane e tona ya tiro ya go kopanya dikereke, ba ka kgona fela fa ba ka nosetsa mowa wa popagano mo malokong.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Merapelo Tshweneyagae o ne a tlhalosa fa go tswa goo Lowe, kereke e na le seabe mo go tlhabololeng matshelo a setshaba.
A re dikereke di dirile go le gontsi mo go simolodiseng thuto le go ntsha ditirelo tsa botsogo mo lefatsheng leno.
Ka jalo, Kgosi Tshweneyagae o ne a gwetlha dikereke gore ntswa di le mo leshekereng la madi, di seka tsa ipona tsapa ka go tswelela di dira molemo mo setshabeng.
Mo mafokong a malebogo, modulasetilo wa khansele-potlana ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mnesetse, o ne a rotloetsa dikereke go nna seopo sengwe, go rudisa mowa wa sedumedi le go aga setshaba se se bopaganeng go ya bosakhutleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : tlhomo ya lekalana la OAIC
Date : 09 Nov 2021