Go tlola terata ga go a siama
09 Nov 2021
Puso e tlaa oketsa mapodisi le masole kwa metseng e e bapileng le melelwane ka maikaelelo a go fokotsa borukutlhi mo metseng eo.
Go lemotshegile fa go tlola molelwane ka bokukuntshwane go na le seabe mo bogodung jo bo diragalang mo metseng eo, jaanong puso e bone go le botlhokwa go gagamatsa molao.
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Sam Brooks o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa McCathy’s Rust bosheng.
O ne a gakolola banni go emisa go tlola molelwane ka bokukuntshwane go itsa go iphitlhela ba dirile molato.
A re borukutlhi jo bo diragalang kwa metseng e e bapileng le melelwane bo a tshwenya ka banni ba tlola molelwane jaaka koi.
Rre Brooks o gakolotse banni ba McCathy’s Rust gaufi le molelwane wa Afrika Borwa go emisa go tlola molao, a tlholasa gore puso jaanong e tlaa gagamatsa melao go lepalepana le seemo.
O ne a kopa gore banni ba emele gore molelwane o bulwe ba tle ba tlole sentle ka gore fa ba ka seka ba dira jalo ‘go tlaa nkga go sa bola’.
Rre Brooks a re mme e bile o tsentse tshutiso kwa Palamenteng gore dikgoro tsa molelwane kwa McCathy’s Rust, Bray le Bokspits e nne tse e dithoto tsa diteraka tse ditona di gorogelang teng ka tsholofelo ya gore selo seo se tlaa tsisa botshelo mo metseng eo.
O ne a kopa banni gore ba age matlo a boroko go fokotsa letlhoko la boroko jwa badirelapuso le bone ba kgone go oba letsogo fa diofisi tsa puso di ntse di oketsega mo kgaolong eo.
A re banni ba tshwanetse ba akanyetsa kwa pele ba lemoga gore jaanong fa ba ba laolang mesepele le boagedi ba batla go atolosa diofisi tsa molelwane wa McCathy’s Rust go tlaa bulega diphatlha tsa mebereko mme banni ba kgone go bula dikgwebo tse di farologanyeng ka bodiredi bo tlaa tlhoka ditirelo tse di farologanyeng.
Gape mopalamente o ne a supa gore tsela ya McCathy’s Rust e tlaa baakanngwa mo ngwageng ono wa madi wa 2021/2022, ka jalo a rotloetsa banni go beeletsa mebereko ya nakwana koo mme ba ntshe ga tshwene gore ba itirele motlhala gore ba tle ba obe letsogo le mo meberekong e mengwe e e tlaa tlang.
A re Palamente e fetisitse molao bosheng go letla Batswana gore ba fetlhe motlakase mme ba koporasi ya motlakase ba tlaa reka mo go bone.
O ne a tlatsa ka go re selo seo se tlaa fokotsa seelo sa motlakase o o rekwang kwa mafatsheng a sele mme gape se tlaa fokotsa kgaogo ya kgapetsakgapetsa ya motlakase o o rekwang koo.
O ne a ba rotloetsa gore ba ipope ditlhopha go tsenya dikopo kwa go ba kadimiso ya madi a kgwebo ba CEDA gore botshelo bo nne teng.
A rotloeditse banni go loma ka meno mo thutong ya bana.
Mopalamente o ne a tlhalosa gore thuto ke thebe ya botshelo mme e bile fa ngwana a na le yone Tautona kana motho ope fela yo o eletsegang mo setshabeng o ka tswa mo motseng o o kgakala le ditlamelo o tshwana le wa McCathy’s Rust.
O buile jaana a araba selelo sa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Granny Rietz yo o neng a re ba tshwaragane le bothata jwa bana ba ba tshabang sekole, a kopa gore seemo seo se emelwe ka dinao ke boeteledipele.
Mme Rietz o ne a lebogela mopalamente go tla go itseela ka tsebe matshwenyego le dikakgolo tsa banni.
O ne a supa gore palo ya batho ba motse oo e a gola mme ba tlhoka kokelwana go lepalepana le seemo, a tlatsa ka go re morafe o tlhoka leobo la kgotla.
Modulasetilo o ne a re go na le letlhoko le le ntsi la metsi mo motseng oo ka go na le pompo e le nngwefela e e nosang motse otlhe.
Ka jalo o ne a kopa ba koporase ya metsi le ya motlakase go dira moalo wa motse otlhe gore banni ba kgone go ikgokelela metsi le motlakase mo malwapeng
Rre Odumetse Dipone ene o iteetse kobo moroko mafoko a ga Mopalamente gore ka nnete banni ba motse oo ba tlola molelwane e se ka fa molaong mme ba tshwanetse ba iphaphe mo go seo.
O ne a tlatsa ka go kopa sediba go nosa dihutshane gore le bone ba kgone go rekisa kwa matlhebelong a a agwang kwa Tsabong.
Rre Gabatshwane Jakoba ene o ne a kopa Rre Brooks gore a ba kopele lefatshe la temo mo motseng oo, a tlhalosa gore banni ba McCathy’s Rust ga ba akole mananeo mangwe a puso sentle ka ba sena ditsha tsa masimo le tsa bonno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : McCATH۪̉S RUST
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Nov 2021