Breaking News

Monna o bolaile mokapelo a bo a ipolaya

09 Nov 2021

Mapodisi a letlhakeng a tlhotlhomisa dintsho tse pedi, tse mo go tsone monna wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe, a belaelwang a tlhabile mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro ka sengwe se se bogale, pele ga a ikaletsa mo setlhareng kwa Ditshegwane ka Tshipi.

Fa a buisana le BOPA, mogolwane wa mapodisi kwa Letlhakeng, Superintendent Mogomotsi Kesupile, a re tiragalo eo e diragetse ka Tshipi maphakela, fa bobedi joo bo tswa maitisong.

Superintendent Kesupile o tlhalositse fa baswi ba ne ba tlhoka kutlwisisano, mme ba belaela fa wa monna a ne a felela a tlhaba moratiwa wa gagwe ka sengwe se se bogale, fa letlotleng le le bapileng le kokelwana, pele ga a ya go ikaletsa ka mogala mo setlhareng.

Ramapodisi o tlhalositse fa monna a tswa kwa kgotleng ya Molehele kwa Ditshegwane, fa mosadi ene a tswa kwa kgotleng ya Modimo kwa Ditshegwane.

Direpa ka bobedi di beilwe kwa setsidifatsing sa kokelo ya Scottish Livingstone kwa Molepolole go tlhatlhojwa ke dingaka, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse.

Mo go tse dingwe, Superintendent Kesupile o tlhalositse fa go nnile le dikgang tsa petelelo ya bomme ba le babedi kwa Letlhakeng le Metsibotlhoko kwa Matlhatso.

Bomme bao go bolelwa ba ne ba thubediwa ba tswa maitisong ba le nosi.

O tlhalositse gape fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lekawana la dingwaga tse di lesome le borobabongwe le tlhokafetse, mme le le mo seemong se se sa nnang sentle.

Superintendent Kesupile o boletse fa lekawana leo le begilwe ke baagisanyi morago ga go mo tlhoka malatsi a mabedi, mme ya re ba okomela ka fensetere ba rakantshiwa ke dintsi, ba bo ba begela mapodisi.

Ramapodisi a Letlhakeng o kopile bomme go emisa go tsamaya ba le nosi bosigo, a supa fa se se ba baya mo diphatseng tsa go betelelwa.

Superintendent Kesupile o gakolotse bakapelo go kopa dikgakololo mo bathong ba ba sedilang maikutlo, mo batsading le mo baruting, a bo a supa fa go ikgapela botshelo e se tharabololo ya mathata mme go tlogela ba masika ba le mo kutlobotlhokong le mo pitlaganong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : dintsho

Date : 09 Nov 2021