Breaking News

Lucara Botswana e tlaa epela banni sediba

09 Nov 2021

Lucara Botswana e solofeditse go epela banni ba motse wa Bogogobo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa  sediba.

Se se tla morago ga gore sediba se ba neng ba se neetswe ke puso se tlhoke metsi morafe o sena go se gokelela ka P17 000.

Banni ba galaleditse Lucara bosheng kwa tshimolodisong ya kepo ya sediba seo.

Moeteledipele wa Lucara Botswana, Mme Naseem Lahri a re maikalelelo a bone ke go thusa Batswana lefatshe leno ka bophara, go tlhabolola le go tokafatsa matshelo, bogolo jang ka metsi e le one konokono mo botshelong.

Mme Lahri a re khamphani eo e thusa batho fa ba ipopile ditlhopha, mme gape ba dira ditiro tse di ka tlhabololang metse le go tokafatsa matshelo a bone.

O boletse fa kwa Kolonkwaneng ba tlaa thusa mo go tlhabololeng setsha sa morafe se ba ikaelelang go lema dijo mo go sone.

A re se se tlaa thusa go ntsha dijo tse di tlhaelang mo lefatsheng leno.

Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Sam Brooks o ne a supa fa banni ba Bogogobo ba ne ba mo roma go ba kopela dithuso mo dikhamphaneng, go epa sediba se ba ka nosang leruo mo go  sone, ka e le lone ba tshelang ka lone.

O boletse fa a ne a ikgolaganya le ba Lucara Botswana mme ba solofetsa go thusa fa ba kgonang teng, ka jalo ba tsere matsapa a go tla go bona ditiro tsa morafe gore ba ka thusa jang.

Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya sediba, Rre Andrew Kgaileng o ne a galaletsa ba Lucara Botswana, a supa fa thuso ya bone e tlaa fetola matshelo a bone.

E re dikgang di eme jalo, Mopalamente Brooks o boletse fa e rile ngogola ba Kolonkwaneng ba supa fa ba eletsa go tlhabolola setsha sa bone ka se ntse se sa dirisiwe, mme ba mo kopa go ba kopela dithuso gore ba kgone go lema, go ntsha dijo tse di ka jewang ke banni ba kgaolo eo.

O ne a supa fa dijo di tlhaela mo lefatsheng leno, ka jalo, Batswana ba tshwanetse go inaakanya le temo go fokotsa selekanyo sa dijo tse di rekwang kwa ntle ga lefatshe leno.

Modulasetilo wa komiti e e tlaa tsamaisang tshingwana ya merogo kwa Kolonkwaneng, Mme Keobokile Motlolatsoku o ne a  tlhalosa fa komiti e na le maloko a le lesome le bobedi, mme maikaelelo a bone e le go tsamaisa tshimo e ba tlaa thusiwang go tokofatsa matshelo a bone.

Mme Motlolatsuku o boletse fa ba ikaelela go lema merogo, go rua dikoko le tse dingwe.

A re ba ikaelela go tshwara ka natla go ntsha maduo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : BOGOGOBO

Event : tshimolodisong ya kepo ya sediba

Date : 09 Nov 2021